MATHAIO 13 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Setshwantsho sa mojadi(Mar 4:1-9; Luke 8:4-8)

1E rile ka letsatsi leo Jesu a tswa mo ntlong, a ya a dula fa lewatleng.

2 Ga phuthegela kwa go ene matshutitshuti a magolo a batho, a ba a tla a tsena mo mokorong a dula teng; mme bontsi jotlhe jwa batho jwa ema fa thoko ga lewatle.

3Mme a bua nabo dilo di le dintsi ka ditshwantsho a re: “Bonang, mojadi o kile a tswa a ya go jala.

4Ya re a ntse a jala ditlhaka dingwe tsa wela fa tseleng, mme dinonyane tsa tla tsa di sela.

5Tse dingwe tsa wela fa go leng matlapa, fa mmu o leng mosesane teng, mme tsa akofa tsa tlhaba ka di se mo mmung o o boteng.

6E rile letsatsi le sena go gotela, tsa ša; mme ereka di se na medi, tsa omelela fela.

7Tse dingwe tsa wela mo mitlweng; mme mitlwa ya gola, ya di hupetsa;

8tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, tsa ungwa, dingwe tsa nna lekgolo, tse dingwe tsa nna 60, tse dingwe 30.

9“Yo o nang le ditsebe (go utlwa), a a utlwe.”

Maikaelelo a ditshwantsho(Mar 4:10-12; Luke 8:9-10)

10Mme barutwa ba tla, ba mo raya ba re: “Ana o buelang nabo ka ditshwantsho?”

11A ba fetola a re: “Lona lo neilwe go itse masaitsiweng a bogosi jwa legodimo; mme bone ga ba a go newa.

12 Gonne yo o nang le sengwe o tlaa newa, mme o tlaa nna le letlotlo; mme yo o se nang sepe o tlaa tseelwa le se o nang naso.

13Ke gone ka fa ke buang nabo ka ditshwantsho ka teng; ka gobo le fa ba lebile, ga ba bone, le fa ba reeditse, ga ba utlwe, le gone ga ba tlhaloganye.

14 Polelelopele ya ga Isaia e ba dirafaletse e e rileng:

“ ‘Go utlwa lo tlaa nna lo utlwa,

mme ga lo ketla lo tlhaloganya gope,

le go leba lo tlaa nna lo leba,

mme ga lo ketla lo bona gope;

15gonne dipelo tsa batho

ba di thatafaditse,

ba kabetse ditsebe,

ba ipuduladitse matlho;

e se re kgotsa ba lemoga ka matlho,

ba utlwa ka ditsebe,

ba tlhaloganya ka pelo,

mme ba sokologa gape,

mme ka ba fodisa.’

16 “Matlho a lona a sego gonne a a bona; le ditsebe tsa lona gonne di a utlwa.

17Gonne ammaaruri ke a lo raya, baperofeti ba le bantsi le basiami ba eleditse go bona dilo tse lo di bonang, mme ga ba a ka ba di bona; le go utlwa dilo tse lo di utlwang mme ga ba ka ba di utlwa.

Jesu o tlhalosa setshwantsho sa mojadi(Mar 4:13-20; Luke 8:11-15)

18“Ke gone, utlwang setshwantsho sa mojadi.

19E a re fa mongwe a utlwa lefoko la bogosi, a sa le tlhaloganye, foo yo o bosula a tle a phamole se se jadilweng mo pelong ya gagwe. Yo ke ene wa peo e e jaletsweng fa tseleng.

20Wa peo e e jadilweng fa go leng matlapa, ke yo o utlwang lefoko mme a akofe a le tshole ka boitumelo;

21le fa go ntse jalo ga a na modi mo go ene, o tle a eme ka lobakanyana fela; mme e re mogang go tsogang patiko kgotsa pogiso ka ntlha ya lefoko, a akofe a kgopiwe.

22Wa peo e e jadilweng mo mitlweng ke yo o utlwang lefoko; mme go bapalwa ke lefatshe le tsietso ya mahumo, di hupetse lefoko mme a ungologe.

23Mme wa peo e e jadilweng mo mmung o o molemo ke yo o utlwang lefoko a ba a le tlhaloganye; ke ene ruri yo o ungwang, mme go ungwa ga gagwe gongwe go nne lekgolo, gongwe go nne 60, mo gongwe 30.”

Setshwantsho sa mohoka

24A ba beela pele setshwantsho se sengwe a re: “Bogosi jwa legodimo bo tshwantshiwa le motho yo o kileng a jala peo e e molemo mo tshimong ya gagwe;

25mme ya re go sa robetswe, mmaba wa gagwe a tla a jala mohoka le one mo mabeleng, mme a tsamaya.

26E rile mogwang o gola, mabele a tsala, mohoka le one wa bonala.

27Batlhanka ba mong wa tshimo ba tla ba mo raya ba re: ‘Morena, a go o a jala peo e e molemo mo tshimong ya gago, mme jaanong e bile e tshotse mohoka kae?’

28A ba raya, a re: ‘Ke mmaba yo o dirileng jalo.’ Batlhanka ba re: ‘Fa e le jalo, a o rata ra ya ra o phutha?’

29Mme a re: ‘Nnyaa; e se re kgotsa fa lo phutha mohoka, lwa o khumolela le mabele.

30Lesang, lo mme go gole mmogo go ya thobong; e tlaa re mo motlheng wa thobo ke tlaa raya barobi ke re: Phuthang mohoka pele, lo o bofe dingata go tla lo o fisa, mme mabele lo a phuthele mo bobolokelong jwa me.’ ”

Setshwantsho sa peo ya mosetara(Mar 4:30-32; Luke 13:18-19)

31A ba beela pele setshwantsho se sengwe a re: “Bogosi jwa legodimo bo tshwana le tlhaka ya peo ya mosetara, e motho o e tsereng, mme a e jala mo tshimong ya gagwe;

32ke peo e potlana ruri mo dipeong tsotlhe; mme e re e sena go gola e be e feta merogo, e nne setlhare, dinonyane tsa loapi di be di tle di age mo dikaleng tsa sone.”

Setshwantsho sa sebediso(Luke 13:20-21)

33A ba bolelela setshwantsho se sengwe a re: “Bogosi jwa legodimo bo tshwana le sebediso se mosadi o se tsereng, a se tsenya mo dielong di le tharo tsa boupe, jwa ba jwa tla jwa bela jotlhe fela.”

Tiriso ya ga Jesu ya ditshwantsho(Mar 4:33-34)

34Dilo tse tsotlhe Jesu a di bua le matshutitshuti a batho ka ditshwantsho; ga a ka a bua sepe nabo fa se se ka ditshwantsho fela,

35 gore go dirafale se se kileng sa buiwa ke moperofeti, a re: “Ke tlaa tumolola molomo wa me ka ditshwantsho; ke tlaa kakanya dilo tse di sa leng di lojwa ka go thaiwa ga lefatshe.”

Jesu o tlhalosa setshwantsho sa mohoka mo gare ga mabele

36Foo Jesu a tlogela matshutitshuti a batho, a tsena mo ntlong; mme barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene ba re: “Re phuthololele setshwantsho sa mohoka mo tshimong.”

37A ba fetola a re: “Mojadi wa peo e e molemo ke Morwa Motho;

38tshimo ke lefatshe; peo e e molemo yone ke bana ba bogosi; mme mohoka ke bana ba yo o bosula;

39mmaba yo o ba jadileng ke diabolo; thobo ke bokhutlo jwa lefatshe; barobi ke baengele.

40Ke gone jaaka mohoka o phuthwa, o fisiwa ka molelo; go tlaa nna fela jalo mo bokhutlong jwa lefatshe.

41Morwa Motho o tlaa roma baengele ba gagwe, mme ba tlaa tlhopha mo bogosing jwa gagwe dilo tsotlhe tse di kgopisang, le ba ba ikepang;

42mme ba tlaa ba latlhela mo bokepisong jwa molelo; go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno teng.

43Foo basiami ba tlaa betlama jaaka letsatsi mo bogosing jwa ga Rraabo. Yo o nang le ditsebe a a utlwe.

Setshwantsho sa khumo e e fitlhegileng

44“Bogosi jwa legodimo bo tshwana le khumo e e fitlhegileng mo nageng; e motho o ne a e bona, mme a e loba; mme ka boitumelo jwa gone, a ya a bapatsa tsotlhe tse o nang natso, a reka naga eo.

Setshwantsho sa perela e e tlhwatlhwa kgolo

45“Gape bogosi jwa legodimo bo tshwana le moreki yo o batlang diperela tse dintle.

46Ya re a sena go bona nngwe e e tlhwatlhwa kgolo, a ya a bapatsa tsotlhe tse o nang natso a e reka.

Setshwantsho sa lotloa

47“Gape bogosi jwa legodimo bo tshwana le lotloa lo lo digetsweng mo lewatleng, mme lwa gogoba ga ditshika tsotlhe tsa ditlhapi;

48lo e rileng lo sena go tlala ba lo gogela fa thoko; ba dula ba tlhophela tse di monate mo megopeng, mme tse di bosula ba di latlha.

49Go tlaa nna fela jalo mo bokhutlong jwa lefatshe; baengele ba tlaa tswa, ba tlhaola ba ba bosula mo go ba ba siameng,

50ba ba latlhela mo bokepisong jwa molelo; go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno teng.

Tse dintšha le tse dikgologolo mo lohumong

51“A dilo tse tsotlhe lo di tlhalogantse?” Ba mo raya ba re: “Ee.”

52A ba raya a re: “Ke gone he mokwadi mongwe le mongwe, yo o rutilweng sentle ka ga bogosi jwa legodimo, o tshwana le mong wa ntlo, yo o ntshang dilo tse dintšha le tse dikgologolo mo lohumong lwa gagwe.”

Jesu o ganwa kwa Nasaretha(Mar 6:1-6; Luke 4:16-30)

53Ga dirala, e rile Jesu a sena go wetsa ditshwantsho tse, a tloga a tswa teng.

54Ya re a fitlha mo lefatsheng la ga gabo, a ba ruta mo ntlong ya bone ya thuto, ba ba ba gakgamala ba re: “Monna yo o tshotse botlhale jo le ditiro tse tsa nonofo kae?

55A yo ga se morwa mmetli wa dikgong? A mmaagwe ga se Maria? Le bomonnawe a ga se boJakobe, le Josefe, le Simone le Jutase?

56Le bokgaitsadie a ga re na nabo botlhe? Ana monna yo o a ba a tshotse kae dilo tsotlhe tse?”

57 Mme ba kgopega ka ga gagwe, mme Jesu a ba raya a re: “Moperofeti ga a ke a tlhoka tlotlo, fa e se mo lefatsheng la ga gabo, le mo ntlong ya gagwe.”

58Mme a se ka a dira ditiro di le dintsi tsa nonofo teng, ka ntlha ya go tlhoka go dumela ga bone.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help