JAKOBE 4 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Botsalano le lefatshe

1Ana dintwa di tswa kae, le ditlhabano di tswa kae mo go lona? A ga di tswe mo, e bong mo dikgatlhegong tse di lwang mo ditokololong tsa lona?

2Lo tle lo eletse, mme ga lo bone sepe; lo bolaye, lo nne lefufa, lo retelelwe ke go bona sepe; lo tlhabane, lo lwe, mme ga lo bone sepe ka gobo lo sa lope.

3Lo a lopa, mme ga lo amogele, ka gobo lo lopa ka go fosa, gore lo tle lo itirele ka gone mo dikgatlhegong tsa lona.

4Baakafadi ke lona, a ga lo itse fa botsalano jwa lefatshe e le bobaba mo Modimong? Ke gone, yo o ratang go nna tsala ya lefatshe, o itira mmaba wa Modimo.

5Kgotsa a lo gopola gore lokwalo lo lo buela lefela, fa lo re: Mowa o o o agisitseng mo go rona, o tlhologelelwa go ka re isa bopelotshetlheng.

6 Mme o tle o okeletse batho tshegofatso. Ke gone lokwalo lo buang lo re: “Modimo o tlhabana le baikgogomosi, mme ba ba ikokobetsang o ba neye tshegofatso.”

7Ke gone ka re, lo ineeleng mo Modimong; tlhabanang le diabolo, mme o tlaa lo tshaba.

8Atamelang Modimong, mme o tlaa lo atamela. Itloseng leswe mo diatleng, baleofi ke lona; lo intlafatse dipelo, lona ba lo maikutlo mabedi.

9Ipatikeng, lo hutsafale, lo lele; a go tshega ga lona go fetoge khutsafalo, le boitumelo jwa lona bo fetoge pelo e botlhoko.

10Ingotlafatseng fa pele ga Morena, mme o tlaa lo goletsa.

Tlhagiso ka go atlhola Mokeresete ka wena

11Lo se ka lwa sebana, bagaetsho. Yo o sebang mokaulengwe kgotsa a sekisa mokaulengwe wa gagwe, o seba molao, o sekisa molao; mme fa o nyatsa molao, ga o modiri wa molao, o mosekisi wa one.

12Motlhomi wa molao o mongwe fela, le moatlhodi, e bong ene yo o nonofileng go boloka le go senya; wena o bo o le mang yo o sekisang wa gaeno?

Tlhagiso ka ga maikgantsho

13 Helang tlheng, lona ba lo tleng lo bue lo re: “Gompieno, kgotsa ka moso, re tlaa ya kwa motseng o molebe, re tlaa ya kwa motseng o molebe, re tlaa dika ngwaga teng, re reka, re ipapalela.”

14Le mororo lo sa itse se se tlaa dirafalang ka moso. Ana botshelo jwa lona e be e le eng? Gonne lo mouwane fela, o o tleng o bonale ka lobakanyana, mme o tloge o kaologele koo.

15Etswa lo tshwanetse go bua lo re: “Fa Morena a rata re tlaa tshela, re ba re dira se kgotsa sele.”

16Gompieno lo ipelafatsa ka maikgantsho a lona; go ipelafatsa go mo, ke bosula gotlhe fela.

17Ke gone, yo o itseng go dira molemo, mme a sa o dire, ke boleo mo go ene.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help