MORERI 11 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Ditiro tse monna yo o botlhale o di dirang

1Latlhela dijo tsa gago

mo metsing,

gonne o tlaa di bona

morago ga malatsi a le mantsi.

2Naya batho ba supa kabelo,

ee, le ba fera mebedi;

gonne ga o itse go re go tlaa nna

bosula bofe mo lefatsheng.

3Fa maru a tletse pula,

a tle a ithele mo lefatsheng;

mme fa setlhare se wela ntlheng ya borwa,

kgotsa ntlheng ya botsheka,

mo felong fa setlhare se welang gone,

se tlaa namalala gone fela.

4Ene yo o tlhokometseng phefo

ga a ketla a jala;

le yo o gopolang maru

ga a ketla a roba.

5E re ka o sa itse tsela ya phefo, le fa e le ka fa marapo a golang ka gone mo sebopelong sa yo o moimana; fela jalo ga o itse ditiro tsa Modimo o o dirang gotlhe fela.

6Mo mosong o jale peo ya gago, mme mo maitseboeng o se ka wa ikgogona letsogo; gonne ga o itse e e tlaa tlhomamang, eno, kgotsa ele, kgotsa a di tlaa nna molemo tsoo pedi tsa tshwana fela.

7Ruri lesedi le monate; mme ke se se kgatlhang fa matlho a leba letsatsi.

8Ee, fa motho a tshela dinyaga di le dintsi, a a itumele mo go tsone tsotlhe; mme a gakologelwe metlha ya lefifi, gonne e tlaa nna mentsi. Gotlhe mo go tlang ke boithamako fela.

Tlhagiso go baša

9Itumele, wena lekau, mo bokaung jwa gago; a pelo ya gago e go jese monate mo metlheng ya bokau jwa gago, mme o sepele mo ditseleng tsa pelo ya gago, le mo ponong ya matlho a gago; mme o bo o itse fa Modimo o tlaa go isa tshekong ka ga dilo tse tsotlhe fela.

10Ke gone o tlose bohutsana mo pelong ya gago, o bo o tlose bosula mo nameng ya gago: gonne bokau le bonna jo bo tletseng ke boithamako fela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help