HOSEA 10 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Iseraele ke mofine o o enneng thata, o o ungwang; o ntsifaditse dibeso tsa gagwe ka fa bontsing jwa loungo lwa gagwe; ba dirile ditshwantsho tse di setilweng tse dintle ka fa molemong wa lefatshe la bone.

2Dipelo tsa bone di kgaoganye; jaana ba tlaa fitlhelwa ba le molato; o tlaa itaya dibeso tsa bone, o tlaa thopa ditshwantsho tsa bone tse di emeng motloutlo.

3Ruri jaanong ba tlaa bo ba bua ba re: “Ga re na kgosi, gonne ga re boife Jehofa; mme kgosi yone e ka re direla eng?”

4Ba bua mafoko a boithamako fela, ba ikana ka maaka fa ba dira dikgolagano; ke gone ka moo tshekiso e tlaa tlhogang jaaka mogau mo ditemaneng tsa bolemo.

5Banni ba Samaria ba tlaa nna mo theregong ka ntlha ya dinamane tsa Bethafene; gonne batho ba teng ba tlaa go hutsafalela, le baperesiti ba teng ba ba kileng ba go itumelela, ka ntlha ya kgalalelo ya teng, ka e tlositswe.

6Le gone go tlaa isiwa kwa Asiria e le neo e e newang kgosi Jarebe. Eferaime o tlaa amogela ditlhong, le Iseraele o tlaa tlhabisiwa ditlhong ke kgakololo e e leng ya gagwe.

7Ka ga Samaria, kgosi ya gagwe e okoletswe koo, jaaka lofulo mo metsing.

8 Le mafelo a a tlotlometseng a Afene, boleo jwa Iseraele, a tlaa senngwa; mitlwa le mofero di tlaa mela mo dibesong tsa bone; mme ba tlaa raya dithaba, ba re: “Re bipe,” le makhujana, ba re: “Re weleng godimo.”

Morena o itsise Iseraele ka ga katlholo ya gagwe

9 “Iseraele we, e sa le ka metlha ya Gibea o ntse o leofa fela, ba ne ba ntse ba eme gone; gore tlhabano e e tlhaselang bana ba boikepo e se ka ya ba tshwara mo Gibea.

10E tlaa re ke eletsa jalo ke tlaa ba otlhaya; mme ditšhaba di tlaa phuthegela go tlhabana nabo, mogang ba gokaganyeng le ditlolo tse pedi tsa bone.

11“Eferaime ke kgomo ya moroba e e rutilweng, e e ratang go photha mabele; mme ke beile jokwe mo thamong ya gagwe e ntle, ke tlaa baya mopalami mo go Eferaime; Juta o tlaa lema, Jakobe o tlaa thuba makote.

12 Ijaleleng mo tshiamong, lo robe ka fa boutlwelongbotlhoko; lo kgathe lefatshe la lona le le sa lengwang, gonne ke lobaka lwa go batla Jehofa, go tle go tsamaye a tle go lo nesetsa pula ya tshiamo.

13Lo lemile tshiamololo, lo robile boikepo; lo jele loungo lwa maaka. Gonne o ne wa ikanya tsela ya gago, le bontsi jwa diganka tsa gago,

14ke gone ka moo pheretlhego e tlaa tsogang mo bathong ba gago, dikago tsotlhe tsa gago tse di thata tsa tlhabanelo di tlaa gapiwa jaaka Shalemane a ne a thopa Betharebele mo motlheng wa tlhabano; mma bana o na a phatlakanngwa le bana ba gagwe.

15Bethele o tlaa lo direla jalo ka ntlha ya boikepo jo bogolo jwa lona; kgosi ya Iseraele e tlaa kgaolelwa ruri go le busabusa.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help