JEREMIA 38 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jeremia o tsentswe mo sedibeng se se senang metsi

1Shefatia morwa Matane, le Getalia morwa Pašure, le Jokale morwa Shelemia, le Pašure morwa Malakia, ba utlwa mafoko a Jeremia o a buileng le batho botlhe, a re:

2“Jehofa o bua jaana, a re: Yo o nnang mo motseng o, o tlaa swa ka tšhaka, ka popamo le ka kgogodi; mme yo o tswelang kwa Bakalateeng o tlaa tshela; botshelo jwa gagwe bo tlaa nna mo go ene kgapo ya gagwe, mme o tlaa tshela.

3Jehofa o bua jaana, a re: ‘Ruri motse o, o tlaa tsenngwa mo seatleng sa ntwa ya kgosi ya Babilone, mme o tlaa o gapa.’ ”

4Foo dikgosana tsa raya kgosi tsa re: “Re a go rapela, a monna yo a bolawe; ka a repisa mabogo a batlhabani ba ba setseng mo motseng o, le mabogo a batho botlhe, ka a bua mafoko a a ntseng jaana nabo; ka go bo monna yo, ga a batle tlhogonolofalo ya batho ba, fa e se kutlwisobotlhoko fela.”

5Setekia kgosi, a re: “Bonang, o mo seatleng sa lona; gonne kgosi ga se ene yo o ka dirang sengwe se lo sa se rateng.”

6Foo ba tsaya Jeremia, ba mo latlhela mo moleteng wa ga Malakia morwa kgosi, e le molete o o mo lwapeng lwa balebedi; ba folosa Jeremia ka megala. Mo moleteng go ne go se na metsi fa e se loraga fela; Jeremia a roromela mo lorageng.

7Jaana e rile Ebete-meleke wa Moethiopia, e le moopafadiwa yo o ne a le mo ntlong ya kgosi, a utlwa fa ba tsentse Jeremia mo moleteng; kgosi yone e dutse fa kgorong ya Benjamine;

8Ebete-meleke a tswa mo ntlong ya kgosi a ya a bua le kgosi, a re:

9“Kgosi, morena wa me, banna bao ba dirile bosula mo go tsotlhe tse ba di diretseng Jeremia moperofeti; yo ba mo latlhetseng mo moleteng; o ka tla a swela mo felong kwa o gone ka ntlha ya tlala; gonne ga go tlhole go na le dijo mo motseng.”

10Foo kgosi ya laola Ebete-meleke wa Moethiopia, ya re: “Tsaya fano banna ba le 30, o ye o ntshe Jeremia moperofeti mo moleteng a ise a swe.”

11Jalo Ebete-meleke a tsaya banna bao, a ya a tsena mo ntlong ya kgosi fa tlase ga ntlo ya dikhumo, a tsaya teng dikatana tse di latlhilweng, le diaparo tse di dibodu, a di folosetsa kwa go Jeremia mo moleteng ka megala.

12Jalo Ebete-meleke wa Moethiopia a raya Jeremia a re: “A ko o ithathelele dikatana tse, le diaparo tse di dibodu mo magwafeng a gago fa tlase ga megala.” Jeremia a dira jalo.

13Jalo ba goga Jeremia ka megala, ba mo ntsha mo moleteng; Jeremia a sala a le mo lwapeng lwa balebedi.

Setekia o kopa tlhagiso mo go Jeremia

14Foo Setekia kgosi a roma a ya go tlisa Jeremia moperofeti kwa go ene, kwa botsenong jwa boraro jo bo mo ntlong ya ga Jehofa; kgosi ya raya Jeremia ya re: “Ke tlaa go botsa sengwe; o se ka wa ntobela sepe.”

15Foo Jeremia a raya Setekia a re: “Fa ke se go bolelela, a jaana ga o tlaa mpolaela ruri? Le gone fa ke go gakolola, ga o ketla o ntheetsa.”

16Jalo Setekia kgosi a ikanela Jeremia mo sephiring, a re: “Jaaka Jehofa a tshedile, yo o re dirileng mowa o, ga nketla ke go bolaya, le gone ga nketla ke go tsenya mo seatleng sa banna ba, ba ba senkang botshelo jwa gago.”

17Foo Jeremia a raya Setekia a re: “Jehofa, Modimo wa masomosomo, Modimo wa Iseraele o bua jaana, a re: ‘Fa o tswela kwa dikgosaneng tsa kgosi ya Babilone, foo mowa wa gago o tlaa tshela, mme motse o, ga o ketla o fisiwa ka molelo; o tlaa tshela le ba ntlo ya gago.

18Mme fa o gana go tswela kwa dikgosaneng tsa kgosi ya Babilone, foo motse o, o tlaa tsenngwa mo seatleng sa Bakalatea; ba tlaa o fisa ka molelo, mme ga o ketla o falola mo seatleng sa bone.’ ”

19Setekia kgosi a raya Jeremia, a re: “Ke boifa Bajuta ba ba ngwegetseng kwa Bakalateeng, ba ka tla ba ntsenya mo seatleng sa bone, mme ba ntshotla.”

20Jeremia, a re: “Ga ba ketla ba go tsenya. Ke a go rapela, a ko o utlwe fela lentswe la ga Jehofa, mo go se ke se buang nao; jalo go tlaa nna molemo mo go wena, le mowa wa gago o tlaa tshela.

21Fa o gana go tswa, le ke lone lefoko le Jehofa o le ntshupeditseng:

22Bona, basadi botlhe ba ba setseng mo ntlong ya kgosi ya Juta, ba tlaa ntshediwa kwa dikgosaneng tsa kgosi ya Babilone, mme basadi bao ba tlaa bua ba re:

“ ‘Ditsala tsa gago tse dikgolo

di go forile, di go fentse;

jaanong ka dinao tsa gago

di rorometse mo lorageng,

ditsala di go fularetse.’

23“Ba tlaa ntshetsa Bakalatea basadi botlhe ba gago, le bana ba gago; ga o ketla o falola mo seatleng sa bone, mme o tlaa tshwarwa ka letsogo ke kgosi ya Babilone; mme o tlaa bo o ba fisisa motse o ka molelo.”

24Foo Setekia a raya Jeremia, a re: “A go se itse ope ka ga mafoko a, mme ga o ketla oo swa.

25Fa dikgosana di utlwa fa ke buile nao, di tlaa tla mo go wena di go raya di re: ‘A ko o re bolelele se o se buileng le kgosi; o se ka wa se re lobela, ga re ketla re go bolaya; le se kgosi e se buileng nao o se re bolelele.’

26Foo o di reye, o re: ‘Ke isitse mokokotlelo wa me fa pele ga kgosi, gore e se ka ya mpusetsa kwa ntlong ya ga Jonathane ka ya go swela teng.’ ”

27Foo dikgosana tsotlhe tsa tla mo go Jeremia tsa mmotsa; mme a di bolelela ka fa mafokong otlhe a kgosi e a laotseng. Mme tsa khutla go bua nae, gonne selo seo se ne se sa lemogwa.

28 Jalo Jeremia a nna mo lwapeng lwa balebedi go ya go fitlha mo tsatsing le Jerusalema o gapilweng ka lone.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help