1 SAMUELE 24 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Dafite o rekegela botshelo jwa ga Saule

1Ga dirala e rile Saule a sena go bowa kwa go latelang Bafilisitia, a bolelelwa ga twe: “Bona, Dafite o mo nageng ya Enegedi.”

2Foo Saule a tsaya banna ba ba tlhophegileng ba Iseraele ba le 3 000, a ya go senka Dafite le banna ba gagwe mo mafikeng a a nnwang ke dipodi tsa naga.

3 A fitlha fa marakeng a dinku mo tseleng, kwa go nang le logaga gone; mme Saule a tsena gone a ya go ithoma. Jaana Dafite le banna ba gagwe ba bo ba ntse kwa tengteng ga logaga.

4Banna ba ga Dafite ba mo raya ba re: “Bona, letsatsi le Jehofa o ne a bua nao ka ga lone ke le, a re: ‘Bona, ke tlaa tsenya mmaba wa gago mo seatleng sa gago, mme o tlaa mo direla ka fa go tlaa nnang molemo mo matlhong a gago ka gone.’ ” Foo Dafite a nanoga a kgaola lokoja lwa kobo ya ga Saule, Saule a sa itse.

5Ga dirala ya re morago ga moo, pelo ya ga Dafite ya ikwatlhaya, ka a kgaotse lokoja lwa ga Saule.

6 Mme a raya banna ba gagwe a re: “A go se tualo fa nka direla morena wa me selo se, e le motlodiwa wa ga Jehofa, ke ka mo ntshetsa letsogo la me, ka a le motlodiwa wa ga Jehofa.”

7Dafite a kganela banna ba gagwe ka mafoko a, a se ka a ba leseletsa go tsogela Saule. Saule a nanoga mo logageng, a tsamaya.

8Dafite le ene a nanoga morago ga moo, a tswa mo logageng, a tlhaeletsa kwa go Saule, a re: “Morena wa me, kgosi.” E rile Saule a gadima, Dafite a inamela fa fatshe ka sefatlhogo, a ikoba.

9Dafite a raya Saule a re: “Ana o reeletsang mafoko a batho, fa ba re: ‘Bona, Dafite o senka go go utlwisa botlhoko’?

10Bona, gompieno matlho a gago a bonye jaaka Jehofa a ne a go tsentse mo seatleng sa me mo logageng; bangwe ba ne ba re ke go bolaye, mme leitlho la me la go rekegela; ka re: ‘Ga nketla ke ntshetsa morena wa me letsogo; gonne ke ene motlodiwa wa ga Jehofa.’

11Gape rra, bona, ee, o bone lokoja lwa kobo ya gago mo seatleng sa me; gonne e re ka ke kgaotse lokoja lwa kobo ya gago, mme ke se ka ka go bolaya, o itse o bo o bone, fa go se na bosula le fa e le tlolo mo seatleng sa me; ga ke a go leofela, le fa o tsoma mowa wa me go tla o o tshwara.

12A Jehofa a atlhole gare ga me le wena, a Jehofa a mpusolosetse mo go wena; seatla sa me ga se ketla se nna mo go wena.

13Go ntse jaaka seane sa ba bogologolo se bua se re: ‘Boikepo bo tswa mo baikeping;’ mme seatla sa me ga se ketla se nna mo go wena.

14 Ana kgosi ya Iseraele e bololetse mang? O tsoma mang? A ke ntša e e suleng, a ke letsetse?

15Ke gone a Jehofa a nne moatlhodi, a atlhole gare ga me le wena, mme a a bone, a ntshekele, a nkgolole mo seatleng sa gago.”

16Ga dirala e rile Dafite a sena go khutla go bua mafoko ao le Saule, Saule a re: “A ke lone lentswe la gago morwaaka Dafite?” Saule a tsholetsa lentswe la gagwe, a lela.

17A raya Dafite a re: “O siame bogolo go nna; gonne o ntiretse molemo, mme nna ke go diretse bosula.

18O boletse gompieno jaaka o ntiretse molemo, gonne e rile ka Jehofa a ne a ntsentse mo seatleng sa gago wa se ka wa mpolaya.

19Gonne fa monna a fitlhela mmaba wa gagwe, a o a tle a mo lese a tsamaya sentle? Ke gone Jehofa a go duele ka molemo ka ntlha ya se o se ntiretseng gompieno.

20Jaana, ke a itse fa ka mmaanete o tlaa nna kgosi, le gore bogosi jwa Iseraele bo tlaa nitamisiwa mo seatleng sa gago.

21Ke gone ka re, inkanele ka Jehofa, fa o se ketla o tlosa losika lwa me morago ga me, le go re ga o ketla o nyeletsa leina la me mo ntlong ya ga rre.”

22Mme Dafite a ikanela Saule. Saule a ya gae; Dafite le banna ba gagwe ba tlhatlogela kwa felong fa go thata.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help