MIKA 4 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Puso ya Morena(Isaia 2:1-4)

1Mo metlheng ya morago

go tlaa dirala go re,

thaba ya ntlo ya ga Jehofa

e tlaa tlhomamisiwa

mo tlhoreng tsa dithaba,

e tlaa golediwa

mo godimo ga makhubu;

mme ditšhaba

di tlaa sailela kwa go yone.

2Merafe e le mentsi

e tlaa fitlha, e re:

“Ntlong, a re tlhatlogeleng

kwa thabeng ya ga Jehofa

le kwa ntlong ya Modimo

wa ga Jakobe;

o tlaa re ruta ditsela tsa one,

mme re tlaa sepela

mo ditselaneng tsa one;

gonne molao o tlaa tswa mo Sione,

le lefoko la ga Jehofa

mo Jerusalema.”

3 O tlaa atlhola fa gare ga

ditšhaba di le dintsi,

o tlaa kgalemela

merafe e e thata e e kwa kgakala;

mme ba tlaa thula ditšhaka tsa bone

megoma,

le marumo a bone dithipa

tse di segang mabele;

morafe ga o ketla o ekela

morafe o mongwe tšhaka,

le gone ga ba ketla ba tlhola

ba ithuta ntwa gope.

4 Mongwe le mongwe wa bone

o tlaa dula fa tlase

ga mofine wa gagwe,

le fa tlase ga mofeige wa gagwe;

ope ga a ketla a ba boifisa;

gonne molomo wa ga Jehofa

wa masomosomo o se buile.

5Gonne batho ba ditšhaba tsotlhe ba tlaa sepela, mongwe le mongwe ka leina la modimo wa gagwe, mme rona re tlaa sepela ka leina la ga Jehofa Modimo wa rona, ka bosakhutleng le ka bosaengkae.

Baiseraele ba tlaa boa mo botshwarong

6“E tlaa re mo motlheng oo,”

go bua Jehofa:

“Ke tlaa kokoanya

ene yo o tlhotsang,

ke phutha ene yo o lelekilweng,

le ene yo ke mo patikileng.

7Ene yo o ne a tlhotsa

ke tlaa mo dira masalela,

le ene

yo o ne a latlhetswe kwa kgakala

ke tlaa mo dira morafe o o thata;

Jehofa o tlaa ba busa

mo thabeng ya Sione

go tloga fano

le go ya bosakhutleng.

8Wena kago e e goletseng godimo

ya letsomane,

lekhubu la morwadia Sione,

go tlaa tla mo go wena;

ee, mmuso wa pele o tlaa tla,

bogosi jwa morwadia Jerusalema.”

9Ana o kuelelang godimo?

A ga go na kgosi mo go wena, ee,

a mogakolodi wa gago o sule,

fa e bo ne ne

metlotsedi e go tshwere jaana

jaaka ekete ya mosadi

yo o mo pelegong?

10O nne botlhoko,

mme o leke go belega,

wena morwadia Sione,

jaaka mosadi yo o mo pelegong;

gonne jaanong

o tlaa tswa mo motseng

o aga mo nageng,

o tlaa fitlha le kwa Babilone;

o tlaa falodisiwa teng koo;

Jehofa o tlaa go rekolola teng

mo seatleng sa baba ba gago.

11Jaana merafe e le mentsi

e go phuthegetse, e e reng:

“A a leswefadiwe,

mme a leitlho la rona

le bone keletso ya lone mo Sione.”

12Mme ga ba itse

megopolo ya ga Jehofa,

le gone ga ba tlhaloganye

kgakololo ya gagwe;

gonne o ba kokoanyeditse

mo seboping

jaaka dingata tsa mabele.

13“Nanoga, o phothe,

wena morwadia Sione,

gonne ke tlaa dira lonaka

lwa gago tshipi,

le ditlhako tsa gago kgotlho,

mme o tlaa thubaganya ditšhaba

di le dintsi;”

mme tlhwatlhwa ya bone

o tlaa e naya Jehofa,

le thoto ya bone o tlaa e naya

Jehofa wa lefatshe lotlhe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help