TITO 2 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Taelo ka ga dithuto tse di tshwanetseng batho

1Mme wena o tle o bue dilo tse di tshwanetseng thuto e e itekanetseng.

2Ke go re, a bannabagolo ba itse go ikgapa, ba nne masisi, ba nne mogopolo o o lekalekanyeng, e nne ba ba itekanetseng mo tumelong, le mo loratong, le mo bopeloteleleng;

3le gore basadibagolo le bone ba nne masisi mo mokgweng wa bone, e se bapateletsi, ba sa lemalela bojalwa, e le ba ba rutang batho se se molemo;

4gore ba rute basadi ba meroba go rata banna ba bone, le go rata bana ba bone.

5Le go nna mogopolo o o lekalekanyeng, ba le boitsheko, e le ba ba itirelang mo gae, ba le pelonomi, ba le kutlo mo banneng ba bone, gore lefoko la Modimo le se tlhapadiwe.

6Le makau, o ba laye gore ba nne mogopolo o o lekalekanyeng;

7o ntse o itshupa mo dilong tsotlhe o le sekao sa ditiro tse di molemo; le mo thutong ya gago o itshupe o le pelontle, o le masisi,

8o le puo ya tlhomamo, e e sa kakeng ya nyadiwa; e tle e re yo o ganetsang a tlhajwe ke ditlhong, a tlhokile sa bosula se o se buang ka ga rona.

9Laya batlhanka gore ba ineele go utlwa ba e leng beng ba bone, ba ba kgatlhe mo dilong tsotlhe; ba sa buse lerumo;

10ba sa ngobetse, mme ba itshupe boikanngo jotlhe jo bo molemo, gore ba kgabise thuto ya Modimo Moreboloki mo dilong tsotlhe.

11Gonne tshegofatso ya Modimo e bonetse, e tlela batho botlhe poloko.

12E re ruta gore e tle e re re ntse re ikgaogantse le boikepo, le dithato tsa lefatshe, re bo re tshela ka go ikgapa, le ka tshiamo, le ka poifomodimo, mo motlheng wa gompieno;

13re ntse re lebeletse tsholofelo ya letlhogonolo, le ponatshego ya kgalalelo ya Modimo o mogolo wa rona, le Moreboloki Jesu Keresete;

14 yo o re intsheditseng gore a re rekolole mo tshiamololong yotlhe, le gore a intlafaletse batho ba ba tlaa nnang boswa jwa gagwe, ba ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo.

15Bua dilo tse, o bo o laye ka tsone, o bo o kgalemele ka taolo yotlhe. Motho ope a se ka a go nyatsa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help