PESALEMA 4 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya maitseboa ya boikanyo mo ModimongPesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo; ka diletso tse di ditlhale.

1A e re ke bitsa o nkarabe

Modimo wa tshiamo ya me;

o nkatlhamoloseditse bonno

ke le mo pitlaganong;

nkutlwela botlhoko

mme o utlwe morapelo wa me.

2Lona bomorwa batho,

ana kgalalelo ya me e tlaa fetolwa

tlotlologo goleele go le kaye?

Lo tlaa rata dinyana

lo latela maaka goleele go le kaye?

Sela.

3Itseng fa Jehofa a ipeetse ene

yo e leng moetsa Modimo fa thoko;

Jehofa o tlaa utlwa mogang

ke tlhaeleletsang kwa go ene.

4 Emang ka poifo, mme lo se leofe;

buabuang ka dipelo tsa lona

mo malaong a lona,

mme lo tuulale. Sela.

5Isang ditlhabelo tsa tshiamo,

lo ikanye Jehofa.

6Go na le bantsi ba ba reng,

e mang yo o tlaa re bontshang

sengwe se se molemo?

Jehofa, re tsholeletse lesedi

la sefatlhogo sa gago.

7O tsentse boitumelo

mo pelong ya me,

go gaisa jwa bone

jwa motlha o mabele a bone

le bojalwa jwa bone jwa mofine

di totileng.

8Ke tlaa rapama

ke ba ke robala mo kagisong;

gonne Jehofa ke wena wesi

yo o nkagisang mo polokegong.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help