JOBE 42 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jobe o araba Modimo

1Foo Jobe a fetola Jehofa, a re:

2“Ke a itse fa o ka dira dilo

tsotlhe, le go re,

ga go na boikaelelo bope jwa gago

jo bo ka kganelwang.

3 ‘E mang yo o subang kgakololo

a se na kitso?’

Ke gone ka moo ke buileng

se ke se kang ka se tlhaloganya,

dilo tse e leng kgakgamatso e kgolo

mo go nna,

tse ke ne ke sa di itse.

4 ‘Ke a go rapela,

a ko o utlwe, mme ke tlaa bua;

ke tlaa go botsa, mme o mpolelele.’

5Ke ne ke utlwile ka ga gago

ka kutlo ya tsebe;

jaanong matlho a me a a go bona.

6Ke gone ka moo ke ipherogelang

sebete, ke a ikwatlhaya

ke le mo loroleng le molora.”

Pheleletso

7Mme ga nna fela jaana, e rile Jehofa a sena go bua mafoko ao le Jobe, Jehofa a raya Elifase wa Motemane, a re: “Botšarara jwa me bo go tuketse, le ditsala tsa gago tse pedi, gonne ga lo a bua se se siameng ka ga me, jaaka Jobe motlhanka wa me a buile.

8Ke gone jaana, tsayang dikgomo di supa, le diphelefu di supa, lo ye kwa go Jobe motlhanka wa me, lo ikisetse tshupelo e e fisiwang; mme Jobe motlhanka wa me o tlaa lo rapelela, gonne ene ke tlaa mo amogela gore ke se ka ka lo direla jaaka boeleele jwa lona; gonne ga lo a bua sone se se siameng ka ge me, jaaka Jobe motlhanka wa me a buile.”

9Jalo Elifase wa Motemane, le Biletate wa Mošuha le Sofare wa Monaamathe, ba ya, ba dira ka fa Jehofa a ba laoletseng ka gone; mme Jehofa a amogela Jobe.

10 E rile Jobe a rapelela ditsala tsa gagwe, Jehofa a busa botshwaro jwa gagwe; Jehofa a ba okeletsa Jobe ka sebedi bogolo go tse o kileng a bo a na natso gale.

11Foo ga tla kwa go ene bomorwa rraagwe botlhe, le bokgaitsadie botlhe, le botlhe ba o ne a itsanye nabo gale, ba ja dijo nae mo ntlong ya gagwe; ba mo tla matshediso, ba mo gomotsa ka ga bosula jotlhe jo Jehofa o ne a bo lerile mo go ene; le gone mongwe le mongwe a mo naya ledi, le mongwe le mongwe lenyena la gouta.

12Jalo Morena a segofatsa Jobe go ya kwa bokhutlong jwa gagwe bogolo go tshimologo ya gagwe; a nna le dinku di le 14 000, dikamela di le 6 000, dikgomo tsa bojokwe ba le 1 000, le diesela tse dinamagadi di le 1 000.

13O ne a bile a na le bana ba basimane ba supa le ba basetsana ba le bararo.

14Mosetsana wa ntlha a mo raya leina a re, Jemima; leina la wa bobedi Kesia; leina la wa boraro Kerene-hapuke.

15Mo lefatsheng lotlhe go ne go se na basadi bape ba bantle jaaka bomorwadia Jobe; rraabo a ba naya boswa mo go bokgaitsadia bone.

16Morago ga moo Jobe a tshela ka dinyaga di le 140, mme a bona bomorwawe le bomorwa bomorwawe, e bong dikokomana di le nne.

17Jalo Jobe a swa, a tsofetse a le malatsi a a tletseng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help