1 SAMUELE 26 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Dafite o rekegela botshelo jwa ga Saule gape

1 Basife ba tla mo go Saule kwa Gibea, ba re: “A Dafite ga a a iphitlha mo thabeng ya Hakila, e e lebaganyeng le naga?”

2Foo Saule a nanoga a fologela kwa nageng ya Sife a na le banna ba ba tlhophegileng ba Iseraele ba le 3 000, a ya go senka Dafite mo nageng ya Sife.

3Saule a thibelela mo thabaneng ya Hakila e e lebaganyeng le naga fa tseleng. Dafite a bo a ntse mo nageng, mme a bona fa Saule a mo latelela kwa nageng.

4Ka ntlha ya moo Dafite a ntsha ditlhola, a lemoga fa Saule a tsile ka mmaanete.

5Dafite a nanoga, a tla mo felong fa Saule o thibeletseng gone; Dafite a bona fa Saule o robalang gone le Abenere morwa Nere, molaodi wa ntwa ya gagwe; Saule a robala ka fa teng ga maemo a makoloi, batho ba thibelela tikologong ya gagwe.

6Foo Dafite a bua, a raya Ahimeleke wa Mohite, le Abišai morwa Seruja monnaa Joabe a re: “E mang yo o tlaa yang le nna kwa go Saule kwa bothibelelong?” Abišai a re: “Ke tlaa ya nao.”

7Dafite le Abišai ba tla mo bathong bosigo; mme Saule a bo a robetse ka fa teng ga maemo a makoloi, lerumo la gagwe a le tlhomile mo mmung fa tlhogong ya gagwe; Abenere le batho ba bo ba robetse tikologong ya gagwe.

8Foo Abišai a raya Dafite a re: “Modimo o tsentse mmaba wa gago mo seatleng sa gago gompieno; jaana ka re, ke a go rapela, o mme ke mo tlhabe ka lerumo ke mo tlhabele fa fatshe gangwe fela, ga nketla ke mo tlhaba gabedi.”

9Mme Dafite a raya Abišai a re: “O se ka wa mo senya; gonne mang yo o ka ntshetsang motlodiwa wa ga Jehofa letsogo, mme a tlhoka go nna molato?”

10Dafite a re: “Jaaka Jehofa a tshedile, Jehofa o tlaa mo itaya; gongwe letsatsi la gagwe la go swa le tlaa tla; gongwe o tlaa ya mo tlhabanong, mme a swe.

11 A go se nne jalo fa nka ntshetsa motlodiwa wa ga Jehofa letsogo; jaana ke a go rapela, a ko o tseye lerumo le le fa tlhogong ya gagwe, le kurwana ya metsi, mme re tsamaye.”

12Dafite a tsaya lerumo le kurwana ya metsi fa tlhogong ya ga Saule; ba tsamaya, mme ope a se ka a kubuga, ka ba ne ba robetse botlhe; ka gobo boroko jo bogolo jo bo tswang mo go Jehofa bo no bo ba wetse.

13Foo Dafite a kgabaganyetsa ntlheng e nngwe, a ema mo godimo ga thaba kwa kgakala; go le sebaka se setona fa gare ga bone.

14Dafite a tlhaeletsa kwa bathong, le Abenere morwa Nere a re: “A ga o arabe wena Abenere?” Foo Abenere a araba a re: “O mang wena yo o tlhaeleletsang kwa kgosing?”

15Dafite a raya Abenere a re: “A ga o monna yo o pelokgale? Go na le mang yo o tshwanang nao mo Iseraele? Ke ka ntlha yang o se ka wa lebela kgosi morena wa gago? Gonne go ile ga tsena motho mongwe a ya go senya kgosi morena wa gago.

16Selo se o se dirileng ga se molemo. Jaaka Jehofa a tshedile, lo tshwanetse go swa, ka lo se ka lwa lebela morena wa lona, motlodiwa wa Jehofa. Jaana batla lerumo la kgosi kwa le gone, le kurwana ya metsi e e neng e le fa tlhogong ya yone.”

17Saule a itse lentswe la ga Dafite, mme a re: “A ke lone lentswe la gago, morwaaka Dafite?” Dafite a re: “Ke lentswe la me, kgosi morena wa me.”

18A ba a re: “Ke ka ntlha yang fa morena wa me a konatelela motlhanka wa gagwe? Gonne ke dirileng? Kgotsa go na le bosula bofe mo seatleng sa me?

19Ke gone, ke a go rapela, a kgosi morena wa me a utlwe mafoko a motlhanka wa gagwe. Fa e le Jehofa yo o go ntlhotlheleleditseng, a a ke a amogele tshupelo; mme fa e le bana ba batho, a ba hutsege fa pele ga Jehofa; gonne ba ntelekile gompieno, gore ke se ka ka ngaparela boswa jwa ga Jehofa, ba re: ‘Ke tsamaye, ke ye go direla medimo e sele.’

20Jaana ka re, a madi a me a se wele fa fatshe ke le go sele ke se fa pele ga Jehofa; gonne kgosi ya Iseraele e bolotse e tsile go senka letsetse fela, go tshwana jaaka fa mongwe a tsoma lesogo mo dithabeng.”

21Foo Saule a re: “Ke leofile; boa morwaaka Dafite; gonne ga nketla ke tlhola ke go utlwisa botlhoko, ka botshelo jwa me bo ile jwa ratega mo matlhong a gago gompieno; bona, ke itirile seeleele, ke bile ke timetse thata.”

22Dafite a mo fetola a re: “Bona lerumo ke le kgosi! A lekau lengwe le kgabaganye le tle go le tsaya.

23Jehofa o tlaa lefela mongwe le mongwe tshiamo ya gagwe le boikanngo jwa gagwe; gonne Jehofa o ne a go tsentse mo seatleng sa me gompieno, mme ka gana go ntshetsa motlodiwa wa ga Jehofa letsogo la me.

24Jaaka botshelo jwa gago bo ne bo kaiwa segolo mo matlhong a me gompieno, a botshelo jwa me bo kaiwe segolo jalo mo matlhong a ga Jehofa, a nkgolole mo bohutsaneng jotlhe.”

25Foo Saule a raya Dafite a re: “O nne sego morwaaka, Dafite; o tlaa dira ka bonatla, ruri o tlaa fenya.” Mme Dafite a tsamaya, Saule le ene a boela felong ga gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help