PESALEMA 3 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya moso ya boikanyo mo ModimongPesalema ya ga Dafite ya jale ka a tshaba Abesalome morwawe.

1Jehofa, ana baganetsi ba me

ba ntsifetse jang!

Bone ba ba ntsogologelang

ba bantsi.

2Ba bantsi ba ba buang

ka ga mowa wa me ba re:

“Ga a na go thusiwa gope

ke Modimo.” Sela.

3Wena Jehofa,

o thebe ka ntlha tsotlhe tsa me;

o kgalalelo ya me

le motsholetsa tlhogo ya me.

4Ke tle ke bitse Jehofa

ka lentswe la me, mme a nkarabe

a le mo thabaneng ya gagwe

e e boitshepo. Sela.

5Ka rapama, mme ka robala;

ka tsoga;

ka go bo Jehofa o a nkokotletsa.

6Ga nketla ke boifa makgolokgolo

a batho ba ba inkemiseditseng

ka ntlha tsotlhe.

7Tloga o eme, Jehofa;

o mpoloke, Modimo wa me;

gonne o iteile

baba ba me botlhe lesama;

o robile meno a baikepi.

8Poloka ke ya ga Jehofa;

tshegofatso ya gago

a e nne mo bathong ba gago. Sela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help