1Magodimo a bolela kgalalelo
ya Modimo; phuthologo le yone
e supa tiro ya diatla tsa one.
2Letsatsi le tlhomaganya puo
le letsatsi le lengwe,
bosigo bo tlhomaganya tshupo
ya kitso le bosigo jo bongwe.
3Ga go na puo le fa e le loleme;
lentswe la one
ga le ka ke la utlwiwa.
4 Thapo ya one e e lekanyang
e ile go ralala lefatshe lotlhe,
le mafoko a one
a ile kwa bokhutlong jwa lefatshe.
O tlhometse letsatsi motlaagana
mo go one.
5Le ntse jaaka monyadi
fa a tswa mo borobalong jwa gagwe,
le ba le itumela jaaka monna
yo o thata
fa a siana mo tshianong ya gagwe.
6Go tswa ga lone go simologe
kwa bokhutlong jwa legodimo,
go dikologa ga lone
go ye kwa dikhutlong tsa gone;
mme ga go na sepe
se se fitlhegetseng
mogote wa lone.
7Molao wa ga Jehofa o itekanetse,
o rudisa mowa;
tshupo ya ga Jehofa e tlhomamo,
e tlhalefisa ba ba sa tlhalefang.
8Ditao tsa ga Jehofa di siame,
di itumedisa pelo;
taolo ya ga Jehofa e itshekile,
e tsenya matlho lesedi.
9Poifo ya ga Jehofa e ntle,
e ntse ka bosakhutleng;
dikatlholo tsa ga Jehofa
di boammaaruri,
di siame fela gotlhe.
10Di eletsega bogolo go gouta,
ee, bogolo go gouta e ntsi,
e e bontle bogolo; di bile di botshe
bogolo go dinotshe,
le bogolo go lomepa lwa dinotshe.
11Le gone gape motlhanka wa gago
o tlhagisiwa ke tsone;
mo go di tshegetseng
go tuelo e kgolo.
12E mang yo o ka lemogang
ditimelo tsa gagwe?
A ko o ntlose melato
e e fitlhegileng.
13O bo o kganele motlhanka wa gago
mo maleong a boitaletso;
a a se nne le taolo mo go nna;
foo ke tlaa nna boitekanelo,
ke tlaa bo ke se molato
wa tlolo e kgolo.
14A mafoko a molomo wa me,
le go akanya ga pelo ya me,
go nne tebosego
mo ponong ya gago, Jehofa,
lefika la me le morekolodi wa me.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
