JOBE 8 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Biletate

1Foo ga fetola Biletate wa Mošuha a re:

2“O tlaa bua dilo tse

ka lobaka lo lo kae?

Mafoko a molomo wa gago

a tlaa nna jaaka phefo e kgolo

ka lobaka lo lo kae?

3A Modimo o tle

o sokamise katlholo?

Kgotsa a Mothatayotlhe

o tle a sokamise tshiamiso?

4Fa bana ba gago ba o leofetse,

mme o ba tsentse mo seatleng

sa tlolo ya bone;

5fa o ne o ka batla ka tlhoafalo

mo Modimong,

mme wa dira mokokotlelo wa gago

mo go Mothatayotlhe,

6fa o ne o le boitsheko le thokgamo;

ruri o ka bo fano a go kubugela,

a dira bonno jwa tshiamo ya gago

gore bo segofale.

7Le fa tshimologo ya gago

e ne e le potlana,

le fa go ntse jalo

bokhutlo jwa gago

bo ne bo tlaa totafala segolo.

8“Gonne ke a go rapela,

a ko o botse ka ga motlha wa pele,

mme o tseye tsia

se borraabo ba se tlhotlhomisitseng:

9(Gonne rona re ba maabane fela,

mme ga re itse sepe,

gonne malatsi a rona mo lefatsheng

ke moriti fela).

10A bone ga ba ketla ba go ruta,

ba go bolelela,

ba bua mafoko a a tswang

mo pelong tsa bone?

11“A motsitla o ka gola

go se na loraga?

A mophutlo o ka gola

go se na metsi?

12E re o sa ntse o le mo botaleng

jwa one,

o sa ntse o segwa, o bo o swabe

pele ga merogo e mengwe.

13Ditsela tsa botlhe

ba ba lebalang Modimo

di ntse jalo;

tsholofelo ya motho

yo o sa reng Modimo sepe

e tlaa nyelela;

14yo boikgantsho jwa gagwe

bo tlaa kgaogang ka bogare,

le yo boikanyo jwa gagwe

e leng bobi jwa segokgwane fela.

15O tlaa ikaega ntlo ya gagwe,

mme ga e ketla e ema;

o tlaa itshwarelela ka one,

mme ga e ketla e tlhomama.

16O a tle a nne motala

pele ga letsatsi le ise le tlhabe,

mme matswela a gagwe

a anamele mo tshimong ya gagwe.

17Medi ya gagwe e tlamparele

thotobolo, a lebe felo ga maje.

18Fa a sengwa

a ntshiwa mo felong ga gagwe,

foo go tlaa mo itatola go re:

‘Ga ke ise ke go bone.’

19Bona jo ke boitumelo

jwa tsela ya gagwe,

ba bangwe ba tlaa tlhongwa

mo mmung wa gagwe.

20“Bona, Modimo ga o ketla o latlha

motho yo o itekanetseng,

le gone ga o ketla o ema

badira bosula nokeng.

21O tlaa nama o tlatsa

molomo wa gago ka setshego,

le dipounama tsa gago

ka moduduetso.

22Ba ba go ilang

ba tlaa apesiwa ditlhong;

le mogope wa moikepi

ga o ketla o tlhola o leyo.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help