SEFELA SA DIFELA 4 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Sa Monna

1Bona, o montle moratwa wa me;

bona o montle;

matlho a gago a ntse jaaka matseba

ka fa teng ga sesiro sa gago;

moriri wa gago o ntse jaaka

letsomane la dipodi le le robetseng

fa mohapheng wa thaba ya Gileate.

2Meno a gago a ntse jaaka letsomane

la dinku tse dinamagadi

tse di beotsweng seša,

tse di tlhatlogileng mo tlhapisong;

tse nngwe le nngwe ya tsone

e nang le bana ba mafatlha,

le tse go se nang epe mo go tsone

e e swetsweng.

3Dipounama tsa gago di ntse

jaaka tlhale e e ntseng e re, tlere!

Molomo wa gago le one o montle;

dipupu tsa gago tsa matlho

di ntse jaaka kgapetla ya garanate

ka fa teng ga sesiro sa gago.

4Thamo ya gago e ntse jaaka

kago e e godileng ya ga Dafite,

e e agetsweng polokelo ya dibolao,

e go pegilweng menakane

e le sekete mo go yone,

dithebe tsotlhe tsa banna

ba ba dinatla.

5Mabele a gago a mabedi

a ntse jaaka ditshetswana di le pedi,

tsa mafatlha tse di hulang

mo dithunyeng tsa masoma.

6Ke tlaa ikela kwa thabeng ya mera,

le kwa thabaneng ya lebano

go tsamaya letsatsi le fela,

le meriti e fofela koo.

7O montle gotlhe fela

moratwa wa me;

ga go na setshubaba mo go wena.

8Tswa le nna mo Lebanone;

mogatsaka,

o tswe le nna mo Lebanone;

leba o le kwa tlhoreng ga Amana,

o le kwa tlhoreng ga Senire

le Heremone,

o le kwa dikutleng tsa ditau,

o le mo dithabeng tsa dinkwe.

9O tsubutse pelo ya me,

kgaitsadiaka, mogatsaka;

o tsubutse pelo ya me

ka leitlho le le lengwe fela la gago,

ka mpolokwane o le mongwe fela

wa thamo ya gago.

10Lorato lwa gago lo lontle jang,

kgaitsadiaka, mogatsaka!

Lorato lwa gago lo molemo jang

bogolo go bojalwa jwa mofine!

Le lonko lwa ditlolo tsa gago

bogolo go dinkgisa monate

tsotlhe fela!

11Dipounama tsa gago,

mogatsaka,

di rotha jaaka lomepe lwa dinotshe,

dinotshe le maši

di fa tlase ga loleme lwa gago;

lonko lwa diaparo tsa gago

lo ntse jaaka lonko lwa Lebanone.

12Kgaitsadiake, mogatsake

ke tshimo e e tswaletsweng,

ke sediba se se tswaletsweng,

ke motswedi o o kanetsweng.

13Matlhogela a gago

ke tshimo ya digaranate,

e e nang le maungo a a tlhokegang;

motlhatswameno le ditlhatshana

tsa nareto;

14nareto le saferone,

kalamuse le kinamone,

di na le ditlhare tsotlhe tsa lebano;

mera le aloe, di na le dinkgisa

monate tsotlhe tse di itsegeng.

15O motswedi wa masimo,

sediba se se metsi a a tshedileng,

le dinokana tse di elelang

di tswa Lebanone.

Sa Mosadi

16Tsoga, wena phefo ya botsheka;

o tle, wena borwa;

fokela tshimo ya me, gore

dinkgisa monate tsa yone di aname.

A moratwa wa me a tle

mo tshimong ya gagwe,

mme a je maungo a gagwe

a a tlhokegang.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help