I JOHANE 1 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Lefoko la botshelo

1 Se se sa leng se nna le mo tshimologong, se re se utlwileng, se re se bonyeng ka matlho, se re se lebileng, le se diatla tsa rona di se tshweretshwereng ka ga Lefoko la Botshelo;

2 – mme Botshelo ja bonatshega, mme re bonye, re bile re a supa, re lo bolelela botshelo jo, botshelo jo bo sa khutleng, jo bo neng bo na le Rara, jwa bonatshediwa rona –

3se re se bonyeng ra se utlwa, ke sone se re se lo bolelelang le lona, gore le lona lo bone bolekane le rona. Ruri bolekane jwa rona ke go kopana le Rara, le Morwawe Jesu Keresete.

4Mme dilo tse re di kwala gore boitumelo jwa rona bo dirafale.

Modimo ke lesedi

5E ke yone taetso e re e utlwileng mo go ene, re bile re e lo bolelela gore, Modimo ke lesedi, mme ga go na lefifi lepe mo go one.

6Fa re re re na le bolekane le one, mme re tsamaya mo lefifing, re a aka, mme ga re dire boammaaruri.

7Mme fa re tsamaya mo leseding, jaaka one o le mo leseding, re na le bolekane, mongwe le yo mongwe; mme madi a ga Jesu Morwa one a re tlhapisa mo boleong jotlhe.

8Fa re re ga re na boleo bope, re a itsietsa, le boammaaruri ga bo yo mo go rona.

9Fa re ipolela dibe tsa rona, one o boikanngo le tshiamo ya go re itshwarela dibe tsa rona, le go re tlhapisa mo tshiamololong yotlhe.

10Fa re re, ga re a leofa, re a o akisa, le lefoko la one ga le yo mo go rona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help