1A ipiletsa barutwa ba gagwe ba ba 12, a ba naya thata mo meweng e e maswe, go e kgoromeletsa ntle, le go fodisa dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe, le malwetse mangwe le mangwe otlhe fela.
2Jaana maina a baaposetole ba ba 12 ke a: Wa ntlha ke Simone yo o bidiwang Petere, le Anterea monnawe; Jakobe morwa Sebete, le Johane monnawe;
3Filipo, le Baretholomea; Thomase, le Mathaio wa mokgethisi; Jakobe morwa Alefaio, le Thataeo;
4Simone wa Mokanana, le Jutase Isekariote, yo e leng ene o mo okileng.
Thomo ya ba ba lesome le bobedi(Mar 6:7-13; Luke 9:1-6)5Ba ba 12 ba, Jesu a ba roma, mme a ba laya a re: “Lo se ka lwa tsamaya mo tseleng epe ya Baditšhaba, le fa e le mo motseng ope wa Basamaria, lo se ka lwa tsena mo go ona.
6Bogolo lo yeng kwa dinkung tse di timetseng tsa ntlo ya Iseraele.
7 Lo ete lo rera lo re: ‘Bogosi jwa legodimo bo atametse.’
8Fodisang babobodi, tsosang baswi, ntlafatsang balepero, kgoromeletsang mewa e e maswe ntle. Lo amogetse fela, nayang fela.
9Se tseyeng gouta le fa e le selefera, le fa e le kgotlho mo pataneng tsa lona tsa madi;
10 le fa e le kuana ya loeto, le fa e le dikobo di le pedi, le fa e le ditlhako, le fa e le tsamma; gonne modiri o tshwanetswe ke sejo sa gagwe.
11“Le fa e ka ne e le motse ofe, le fa e le motsana o lo tsenang mo go one, lo senke yo o tshwanetseng teng; mme lo nne foo, go tle go tsamaye lo tswe teng.
12E re lo tsena mo ntlong lo e dumedise.
13Fa ntlo eo e le yone e tshwanetseng, a kagiso ya lona e tle mo go yone; mme fa e le e e sa tshwanelang, a kagiso ya lona e boele mo go lona.
14 Mme le fa e le bomang ba ba se ketlang ba lo tshola, le fa e le go reetsa mafoko a lona, e re lo tswa mo ntlong eo, kgotsa mo motseng oo, lo itlhotlhore ditlhole mo dinaong tsa lona.
15 Ammaaruri ke a lo raya: E tlaa re mo motlheng wa tsheko, go tlaa nna botoka ka ga lefatshe la Sotoma le Gomora bogolo go motse oo.
Dipogisego tse di tlang(Mar 13:7-13; Luke 21:12-17)16 “Bonang, ke lo roma jaaka dinku mo gare ga diphiri; ke gone lo nneng botlhale jaaka dinoga, le bori jaaka maphoi.
17 Lo itise mo bathong; gonne ba tlaa lo neela ditshekong, ba tlaa lo seola mo matlong a bone a thuto.
18Ee, lo tlaa isiwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, go tla lo nna tshupo mo go bone le mo go Baditšhaba.
19Mme e re mogang ba lo neelang mo ditshekong, lo se ka lwa tlhobaelela gore lo tlaa bua jang, le gore lo tlaa bua eng; gonne lo tlaa newa mo lobakeng loo fela se lo tlaa se buang.
20Gonne e bo e se lona ba lo buang, mme e le Mowa wa ga Rraeno o o buang mo go lona.
21 “Motho o tlaa neela morwa rraagwe mo losong, le rramotho ngwana wa gagwe; bana ba tlaa tsogologela batsadi ba bone, ba ba bolaya.
22 Lo tlaa ilwa ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokelang bokhutlong, ene o tlaa bolokwa.
23E re ba lo bogisa mo motseng o, lo tshabele mo go o o tlhomaganyeng nao, gonne ammaaruri ke a lo raya: Lo tlaa re lo ise lo wetse go ralala metse ya Iseraele, Morwa Motho a ba a bile a tsile.
24 “Morutwa ga a mogolo go feta moruti wa gagwe, le motlhanka ga a mogolo go feta morena wa gagwe.
25 Go lekanye morutwa fa a ntse jaaka moruti wa gagwe, le motlhanka fa a ntse jaaka morena wa gagwe. Fa ba reile mong wa ntlo ba re, Beelesebube, bogolo jang ba tlaa raya ba ntlo ya gagwe jalo.
Go boifiwa mang(Luke 12:2-9)26 “Ke gone se ba boifeng, gonne ga go na sepe se se bipilweng, se se se ketlang se senolwa, le fa e le se se lobilweng se se se ketlang se itsege.
27Se ke se lo bolelelang mo lefifing, lo se bolele mo leseding; le se lo se sebediwang, lo se kakanye mo godimo ga matlo.
28Le gone lo se ka lwa boifa ba ba bolayang mmele, mme ba sa nonofa go bolaya mowa; bogolo lo boife ene yo o nonofileng go senya mowa le mmele mo moleteng.
29Dithaga di le pedi a ga di rekwe ka bontlhanngwe jwa peni? Mme epe ya tsone ga e ke e wela fa fatshe kwa ntle ga Rraeno.
30Mme le e leng meriri tota, ya ditlhogo tsa lona, e badilwe yotlhe fela.
31Ke gone se boifeng; gonne lo tlhwatlhwa e kgolo bogolo go ya dithaga di le dintsi.
Go ipolela Jesu fa pele ga batho(Luke 12:8-9)32“Ke gone mongwe le mongwe yo o tlaa impolelang fa pele ga batho, le nna ke tlaa mo ipolela fa pele ga Rre yo o kwa legodimong.
33 Mme le fa e le mang yo o tlaa intatolang fa pele ga batho, le nna ke tlaa mo itatola fa pele ga Rre yo o kwa legodimong.
Ke tlisitse tšhaka e seng kagiso(Luke 12:51-53; 14:26-27)34“Lo se ka lwa gopola gore ke tsile go lere kagiso mo lefatsheng; ga ke a tla go lere kagiso, fa e se tšhaka fela.
35 Gonne ke tsile go lotlhanya monna le rraagwe, motsetsana le mmaagwe le ngwetsi le matsalaagwe;
36le baba ba motho e tlaa nna bone ba ntlo ya gagwe.
37“Yo o ratang rraagwe kgotsa mmaagwe bogolo go nna, ga a ntshwanela; le yo o ratang morwawe kgotsa morwadie bogolo go nna, ga a ntshwanela.
38 Le yo o sa tseyeng mokgoro wa gagwe a ntshala morago, ga a ntshwanela.
39 Yo o bolokang botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, o tlaa bo boloka.
Dituelo(Mar 9:41)40 “Yo o tsholang lona o tshola nna, le yo o tsholang nna, o tshola ene yo o nthomileng.
41Yo o tsholang moperofeti ka leina la moperofeti, o tlaa bona tuelo ya moperofeti; le yo o tsholang mosiami ka leina la mosiami, o tlaa bona tuelo ya mosiami.
42Le fa e le mang yo o tlaa nayang mongwe wa babotlana ba, le fa e ka bo e le metsi a a tsididi fela ka senwelo, ka leina la me, ammaaruri ke a lo raya, ga a ketla a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe ka gope.”
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.