SEFELA SA DIFELA 8 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Ke eletsa jang

wa bo o ntse jaaka kgaitsadiake,

yo o amuleng mabele a ga mme!

Ke ne ke tlaa re ke go fitlhela

kwa ntle, ke go atle;

ee, mme go tlaa bo go se na ope

yo o ka nnyatsang.

2Ke ne ke tlaa go goga,

ke go isa mo ntlong ya ga mme,

yo o ne a tlaa nthuta;

ke ne ke tlaa go nosa bojalwa

jo bo tswaisitsweng,

jwa matute a garanate wa me.

3Letsogo la gagwe la molema

le ne le tlaa ntshametsa,

letsogo la gagwe le legolo

le ne le tlaa ntlamparela.

4Ke a lo ikanisa,

lona bomorwadia Jerusalema,

gore lo se tlhotlheletse,

le fa e le go tsosa lorato,

go tle go tsamaye go kgatlhege lona

pele.

SEFELA SA BORATAROBasadi

5E mang yo o tlhatlogang

a tswa kwa nageng,

a ikaegile moratwi wa gagwe?

Sa Mosadi

O le fa tlase ga setlhare

sa moapole ka go tsosa.

Mmaago o ne a ikutlwa

go go belegela teng,

yo o go belegeng

a go elegela teng.

6Mpaya jaaka sekano

mo pelong ya gago,

jaaka sekano

mo letsogong la gago;

gonne lorato lo thata jaaka loso;

lefufa le bolaloma jaaka phupu,

go benya ga lone

ke go benya ga molelo,

kgabo ya ga Jehofa tota.

7Metsi a le mantsi

ga a kake a tima lorato,

le merwalela ga e kake

ya lo hupetsa;

le fa motho a ka bo a ntshetsa lorato

thoto yotlhe ya ntlo ya gagwe,

o ne a tlaa nyalediwa ruri fela.

Sa Bokgaitsadie mosadi

8Re na le kgaitsadia rona

yo mmotlana,

mme ga a na mabele:

re tlaa mo direlang, kgaitsadia rona,

mo tsatsing leo,

motlhang o lopiwang?

9Fa a le lorako,

re tlaa aga mo go ene

kago ya selefera;

fa a le setswalo,

re tlaa mo tsenya gare ga dimati

tsa masetara.

Sa Mosadi

10Nna ke lorako, le mabele a me

a ntse jaaka dikago tse di godileng

tsa lone.

Foo ke ne ke le mo matlhong a

gagwe jaaka mongwe

yo o ne a bona kagiso.

Sa Monna

11Solomone o ne a na le tshimo

ya mafine kwa Baale-hamone;

o ne a adima tshimo ya mafine

balebedi ka tuelo,

mme mongwe le mongwe wa bone

o ne a na le go lere

dipapetlana tsa selefera

di le makgolo a le some,

ka ntlha ya maungo a yone.

12Tshimo ya me ya mafine,

e e leng ya me,

e fa pele ga me:

wena Solomone, o tlaa bona

makgolo a le some,

le ba ba lebelang maungo a yone,

ba tlaa bona makgolo a le mabedi.

13Wena yo o agileng mo masimo,

thaka e reeditse go utlwa lentswe

la gago; e nkutlwise.

Sa Mosadi

14Itlhaganele, moratwa wa me,

mme o nne jaaka tshephe,

kgotsa jaaka kukamana

mo dithabeng tsa malao.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help