1Jaana ga nna ntwa ka lobaka lo loleele gare ga boo rra Saule le boo rra Dafite; Dafite a nonofa bogolo bogolo, boo rra Saule ba koafala bogolo bogolo.
Barwa Dafite ba ba tsholetsweng kwa Heberone2Dafite a bona bana ba basimane mo Heberone; wa motsalwapele wa gagwe e ne e le Amenone, wa ga Ahinoame wa Mojesereele;
3wa bobedi e le Kileabe, wa ga Abigaile mosadi wa ga Nabale wa Mokaremele; wa boraro e le Abesalome morwa Maaka morwadia Talemai kgosi ya Gešure;
4wa bone e le Atonija morwa Hagithe, wa botlhano e le Shefathia morwa Abitale;
5mme wa borataro e le Ithereame, wa ga Egela mogatsa Dafite. Bao Dafite a ba bona mo Heberone.
Abenere o golagana le Dafite6Ga dirala ya re go sa ntse go le ntwa gare ga boo rra Saule le boo rra Dafite, Abenere a ithatafatsa mo ntlong ya ga Saule.
7Jaana Saule o ne a na le mogadingwana mongwe, leina la gagwe e le Risepa, morwadia Aia; mme Išibošethe a raya Abenere a re: “Ka ntlha yang o tsenye mo go mogadingwana wa ga rre?”
8Foo Abenere a nna bogale thata ka ntlha ya mafoko a ga Išibošethe, a re: “A ke tlhogo ya ntša e e leng ya Sejuta? Gompieno ke diretse ntlo ya ga Saule rraago bopelonomi, le bana ba ga rraagwe, le ditsala tsa gagwe, le gone wena ga ke a go tsenya mo seatleng sa ga Dafite, le fa go ntse jalo gompieno o nnaya molato ka ga mosadi yo.
9A Modimo o direle Abenere jalo, o bo o fetise fa ke sa direle Dafite jalo, jaaka Jehofa a mo ikanetse;
10 go tlosa bogosi mo ntlong ya ga Saule, le go emisetsa Iseraele le Juta setulo sa ga Dafite sa bogosi, go tswa Dane go ya Beerešeba.”
11Mme a bo a sa nonofa go fetola Abenere ka lefoko lepe, gonne a mmoifa.
12Abenere ka esi a roma batho kwa go Dafite a re: “Lefatshe ke la ga mang?” A ba a re: “Dira kgolagano ya gago le nna, mme bona, seatla sa me se tlaa bo se na nao go sokololela Baiseraele botlhe kwa go wena.”
13Dafite a re: “Go molemo; ke tlaa dira kgolagano nao; mme ke lopa selo se le sengwe fela mo go wena, ka re, ga o ketla o bona sefatlhogo sa me, fa o sa lere Mikale morwadia Saule pele, fa o tla go bona sefatlhogo sa me.”
14 Dafite a roma batho kwa go Išibošethe morwa Saule, a re: “Nnaya mosadi wa me Mikale, yo ke mo ipeeleletseng ka nama ya ditlhong tsa Bafilisitia ba le lekgolo.”
15Išibošethe a roma a ya go mo tsaya mo monneng wa gagwe, e bong mo go Palatiele morwa Laiše.
16Mme monna wa gagwe a ya nae, a eta a lela, a mo sala morago go ya go fitlha kwa Bahurime. Foo Abenere a mo raya a re: “Tloga o boe,” mme a boa.
17Abenere a bua le bagolwane ba Iseraele a re: “E rile mo metlheng e e fetileng lwa bo lo ne lo batla gore Dafite a nne kgosi ya lona.
18Jaana a go dirwe jalo, gonne Jehofa o buile ka ga Dafita a re: ‘Ke tlaa golola batho ba me Baiseraele mo seatleng sa Bafilisitia, le mo seatleng sa baba botlhe ba bone ka seatla sa ga Dafite motlhanka wa me.’ ”
19Le gone Abenere a seba le boora Benjamine; mme le gone Abenere a ya a seba le Dafite kwa Heberone gotlhe mo go neng go le molemo mo matlhong a Baiseraele, le mo go boo rra Benjamine botlhe.
20Jalo Abenere a ya kwa go Dafite kwa Heberone, a na le banna ba le 20. Dafite a direla Abenere le banna ba o nang nabo modiro.
21Abenere a raya Dafite a re: “Ke tlaa nanoga ke ya ke phuthela Baiseraele botlhe kwano kgosing, morena wa me, gore ba tle ba dire kgolagano nao, le gore o tle o buse gotlhe mo mowa wa gago o go eletsang.” Mme Dafite a naya Abenere tsela a tsamaya ka kagiso.
Abenere o bolawa ke Joabe22Mme bonang, batlhanka ba ga Dafite le Joabe ba bo ba tswa bonokwaneng, ba tla ba na le kgapo e kgolo; mme Abenere o ne a se kwa go Dafite, kwa Heberone; ka a mo neile tsela, mme a tsamaile ka kagiso.
23E rile Joabe le ba lesomosomo lotlhe le o nang nalo ba sena go tla ba bolelela Joabe ba re: “Abenere morwa Nere o ne a tsile kgosing, mme kgosi e mo neile tsela, mme o tsamaile ka kagiso.”
24Joabe a ya kwa kgosing, a re: “O dirileng! Bona, Abenere o ne a tsile mo go wena; ana go ntse jang ka o mo neile tsela, mme o etse ruri?
25O a mo itse Abenere morwa Nere, fa a ne a tsile go go tsietsa, le go itse go tswa ga gago le go tsena ga gago, le go itse gotlhe mo o go dirang.”
26E rile Joabe a sena go tswa mo go Dafite, a roma batho ba latela Abenere, mme ba mmusa fa sedibeng sa Sira; mme Dafite a bo a sa itse.
27E rile Abenere a sena go boela mo Heberone, Joabe a mo isa fa thoko mo gare ga kgoro, a ya go seba nae, a mo swatlhetsa gone mo mogodung, a ba a swa, ka ntlha ya madi a ga Asahele monnawe.
28Morago ga moo ya re Dafite a utlwa, a re: “Nna le bogosi jwa me ga re na molato fa pele ga Jehofa ka bosakhutleng ka ga madi a ga Abenere morwa Nere.
29A a wele mo tlhogong ya ga Joabe, le mo go botlhe ba ntlo ya ga rraagwe, a go se tlhokafale mo ntlong ya ga Joabe mongwe yo o nang le keleketlo, kgotsa yo o leng molepero, kgotsa yo o ikokotlelang ka seikokotlelo, kgotsa yo o wang ka tšhaka, kgotsa yo o tlhokang dijo.”
30Jalo Joabe le Abisai monnawe ba bolaya Abenere, ka a ne a bolaile Asahele monnaa bone kwa Gibeone go tlhabanwa.
Abenere o bolokwa kwa Heberone31Dafite a raya Joabe, le batho botlhe ba ba nang nae, a re: “Ikgagoleng diaparo, lo itlame ka letsela la kgetse, lo hutsafale fa pele ga Abenere.” Kgosi Dafite a sala setshola moswi morago.
32Ba fitlha Abenere mo Heberone; kgosi ya tsholetsa lentswe ya lela fa phupung ya ga Abenere; le batho botlhe ba lela.
33Kgosi ya lelela Abenere a re: “A Abenere o ne a tshwanetse go swa jaaka seeleele?
34Mabogo a gago a ne a sa bofiwa le maoto a gago a se mo diketaneng; jaaka fa monna a wela fa pele ga bana ba boikepo, o ole jalo.” Batho botlhe ba ba ba mo lelela gape.
35Batho botlhe ba tla go rapela Dafite gore a je dijo go sa ntse go le motshegare; mme Dafite a ikana a re: “A Modimo o ntirele jalo, o bo o fetise, fa nka leka dijo, le fa e le sengwe se sele, letsatsi le ise le phirime pele.”
36Batho botlhe ba go ela tlhoko, mme ga ba kgatlha; jaaka sengwe le sengwe se kgosi e se dirang se kgatlha batho botlhe.
37Jalo batho botlhe, le Baiseraele botlhe ba ne ba tlhaloganya ka tsatsi leo fa kgosi e sa laola go bolaya Abenere morwa Nere.
38Kgosi ya raya batlhanka ba yone ya re: “A ga lo itse fa go ole kgosana le monna yo motona mo Iseraele gompieno?
39Gompieno ke bokoa, le fa ke tloditswe go nna kgosi; banna ba, bomorwa Seruja ba thata bobe mo go nna; Jehofa o tlaa duela modira boikepo ka fa boikepong jwa gagwe.”
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.