ISAIA 40 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Mafoko a tsholofetso a ga Jehofa mo go Iseraele

1Gomotsang, gomotsang

batho ba me,

go bua Modimo wa lona.

2Lo bue ka kgomotso le Jerusalema,

mme lo mo kuele go re,

tlhabang ya gagwe e sweditswe,

le go re, boikepo jwa gagwe

bo itshwaretswe; le go re,

o amogetse mo seatleng sa ga Jehofa

sebedi ka ga maleo otlhe a gagwe.

3 Lentswe la mongwe yo o goang, a re:

“Baakanyang tsela ya ga Jehofa

mo nageng,

lo siamisetse Modimo wa rona

tsela ya mheru mo sekakeng.

4Mogogoro mongwe le mongwe

o tlaa katesegela,

le thaba nngwe le nngwe,

le lekhubu,

di tlaa kokobediwa;

fa go sokameng go tlaa lolamisiwa,

le mafelo a a magwata

a tlaa papanwa;

5le kgalalelo ya ga Jehofa

e tlaa senolwa,

nama yotlhe e tlaa e bona mmogo;

gonne molomo wa ga Jehofa

o se buile.”

6 Lentswe la mongwe la re: “Goa.”

Mme mongwe a re:

“Ke tlaa goang?”

Nama yotlhe ke bojang;

le bontle jotlhe jwa yone

bo ntse jaaka sethunya sa naga.

7Bojang bo tle bo omelele,

sethunya se swabe,

ka go bo di fokwa ke mowa

wa ga Jehofa;

ruri batho ke bojang.

8Bojang bo tle bo omelele,

sethunya se swabe;

mme lefoko la Modimo wa rona

le tlaa ema ka bosakhutleng.

9Wena yo o bolelelang Sione

mafoko a a molemo,

palama mo thabeng e e godileng;

wena yo o bolelelang Jerusalema

mafoko a a molemo,

tsholetsa lentswe la gago ka thata;

le tsholetse, o se ka wa boifa;

raya metse ya Juta, o re:

“Bonang, Modimo wa lona!”

10 Bonang, Morena Modimo

o tlaa tla jaaka mothata,

mme letsogo la gagwe

le tlaa mmusetsa;

bonang, tuelo ya gagwe o na nayo,

le tefetso ya gagwe

e fa pele ga gagwe.

11 O tlaa fudisa letsomane la gagwe

jaaka modisa;

o tlaa phuthela dikwanyana

mo letsogong la gagwe,

a di gara mo sehubeng sa gagwe,

tse di amusang

o tlaa di tsamaisa ka pepetletso.

Modimo wa Iseraele o o sa lekaneng le ope

12E mang yo o lekantseng metsi

mo khuting ya seatla sa gagwe,

a lekanya legodimo

ka go paralatsa menwana ya gagwe,

a tlhaloganya lorole lwa lefatshe

ka seelo,

a lekanya bokete jwa dithaba

mo tekanyetsong,

le jwa makhubu

mo selekanyong se se pegang?

13 E mang yo o kaetseng

mowa wa ga Jehofa,

gongwe a mo ruta

e le mogakolodi wa gagwe?

14O ne a gakololana le mang,

mme ke mang yo o mo kaetseng,

a mo ruta tsela ya katlholo,

a mo ruta kitso,

a mo supetsa tsela ya tlhaloganyo?

15Bonang, merafe e ntse jaaka

lerothodi la nkgwana fela;

e kaiwa jaaka lorojanyana

lo lo mo selekanyong se se pegang;

bonang, o tsholetsa ditlhake

jaaka selonyana se sennye fela.

16Lebanone ga o a lekana molelo,

le ditshedi tsa gone

ga di a lekana go nna

tshupelo ya phiso.

17Merafe yotlhe fela e ntse jaaka

e seng sepe fa pele ga gagwe;

e kaiwa ke ene

go re ke mo go seng sepe,

e le lefela fela.

18 Foo lo a bo lo ka tshwantsha

Modimo le mang?

Gongwe setshwantsho ke sefe

se lo tlaa bong

lo se tshwantsha le one?

19Setshwantsho se se setilweng,

aitse modiri o kile a se tlhapolosa;

mothudi wa gouta

a se manega gouta,

a se tshelela bompolokwane

ba selefera.

20Ene yo o humanegileng mo gogolo,

mme a paletswe ke seromololo

se se ntseng jalo,

o itshenkela setlhare

se se se ketlang se bola;

a itshenkele modiri yo setswerere

go tla a baakanya

setshwantsho se se setilweng,

se se se ketlang se reketla.

21A ga lo ise lo ko lo itse?

A ga lo ise lo ko lo utlwe?

A ga lo a go bolelelwa

le mo tshimologong?

A ga lo a tlhaloganya

e sa le ka go thaiwa

ga lefatshe?

22Ke ene yo o dutseng

mo go okameng lefatshe,

mme banni ba lone

ba ntse jaaka ditsiakgope fela;

yo o phuthololang magodimo

jaaka sesiro,

a a tsharolole

jaaka mogope o o nnwang.

23Yo o dirang dikgosana bosengsepe;

a dire baatlhodi ba lefatshe

go nna jaaka lefela fela.

24Ee, ga ba a tlhongwa;

ee, ga ba a jalwa;

ee, dithito tsa bone

ga di a namela mo mmung;

gape a ba fokele, mme ba swabe,

sefefo se ba gogole jaaka dirite.

25Foo lo a bo lo ka ntshwantsha le

mang fa ke ka lekana nae?

Go bua Moitshepi.

26Kalelang matlho a lona godimo,

lo bone yo o tlhodileng dilo tse,

yo o bolotsang lesomosomo la tsone

ka palo;

o di bitsa tsotlhe ka maina;

ke ka bogolo jwa nonofo ya gagwe,

le ka go bo a nonofile mo thateng,

fa go se sepe se se tlhokafalang.

27Jakobe, wa reng?

O buelang Iseraele o re:

“Tsela ya me e fitlhegetse Jehofa,

le katlholo ya me

e fetile mo Modimong wa me”?

28A ga o ise o itse?

A ga o ise o utlwe?

Modimo o o sa khutleng,

Jehofa Motlhodi wa dikhutlo

tsa lefatshe, ga a idibale,

ga a lape;

tlhaloganyo ya gagwe

ga e na go tlhotlhomisiwa gope.

29O naya baidibadi thata;

le ene yo o se nang thata

o mo totisetse nonofo.

30Ba e leng makau

ba tlaa idibala ba lapa,

le makolwane a tlaa phuaganela ruri;

31mme ba ba lebelelang mo go Jehofa

ba tlaa šafatsa thata ya bone;

ba tlaa tlhatloga ka diphuka

jaaka bontswi ba batona;

ba tlaa siana ba sa lape;

ba tlaa tsamaya ka dinao,

ba sa idibale.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help