NAHUME 1 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1 Molaetso ka ga Ninefe. Lokwalo lwa ponatshegelo ya ga Nahume wa Moelekoše.

Jehofa o galefela Ninefe

2Jehofa ke Modimo o o lefufa,

mme o a busolosa;

Jehofa o a busolosa,

mme o tletse bogale;

Jehofa o ipusolosetsa

baganetsi ba gagwe,

o bolokela baba ba gagwe bogale.

3Jehofa o bonya go galefa,

o mogolo mo nonofong,

mme ga a ketla a atlholela

yo o molato gope;

Jehofa o na le tsela ya gagwe

mo setsuatsueng le mo ledimong,

mme maru ke lorole

lwa dinao tsa gagwe.

4O tle a kgalemele lewatle,

a le tšhese,

mme a kgadise dinoka tsotlhe;

Bašana a topetege le Karemela,

le sethunya sa Lebanone

se topetege.

5Dithaba di a mo tlakaselela,

le makhubu a tlhapologe,

lefatshe le gogomoge

fa pele ga gagwe,

ee, lobopo le tsotlhe

tse di agileng mo go lone.

6E mang yo o ka emang

fa pele ga kgakalo ya gagwe?

E mang yo o ka nnang

mo tšhakgalong

ya bogale jwa gagwe?

Tšhakgalo ya gagwe

e goromediwa jaaka molelo,

le mafika a phatlakanngwe

ke ene.

7Jehofa o molemo,

ke kago e e thata ya phemelo

mo motlheng wa tlalelo;

mme o itse ba ba mo ikanyang.

8O tlaa fedisetsa ruri felo ga one

motse ka morwalela

o o penologang,

baba ba gagwe

o tlaa ba konatelela mo lefifing.

9Ana lo tlhatlhanya eng

ka ga Jehofa?

O tlaa fedisetsa ruri;

patikego ga e ketla

e tsoga lwa bobedi.

10Gonne le fa ba ntse jaaka mitlwa

e e nganaganyeng,

le fa ekete ba itlopetse

ka go nwa ga bone,

ba tlaa lailelwa ruri

jaaka dirite tse di omeletseng.

11Go dule mongwe mo go wena

yo o tlhatlhanyang bosula

ka ga Jehofa,

yo o gakololang boikepo.

12Go bua jaana Jehofa, a re:

“Le fa ba tletse nonofo,

ba bile ba le bantsi,

ba tlaa rengwa fela jalo,

mme o tlaa fetela koo.

Le fa ke go patikile

ga nketla ke tlhola ke go patika.

13Jaana ke tlaa roba

jokwe ya gagwe ke e tlosa

mo go wena,

ke tlaa komoganya dikgolego

tse di go golegileng.”

14Jehofa o ntshitse taolo ka ga gago,

gore go se tlhole go jalwa

ga leina la gago:

“Ke tlaa kgaola ke tlosa

mo ntlong ya medimo ya gago

setshwantsho se se setilweng,

le setshwantsho se se thetsweng;

ke tlaa go direla phupu,

gonne o maswe thata.”

15 Bonang, mo dithabeng

go tla dinao tsa yo o tlang

le mafoko a a molemo,

yo o bolelang kagiso!

Tshegetsa mediro ya gago

wena Juta,

o tlhomamise maikano a gago,

gonne motho wa boikepo

ga a ketla a tlhola a go ralala;

o kgaoletswe ruri.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help