ISAIA 46 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Bele o iname,

Nebo o ikobile;

medimo ya disetwa ya bone

e mo dipeleseng,

le mo dikgomong;

dilo tse lo ne lo di rwala

lo tsamayatsamaya ka tsone,

di dirilwe morwalo

le tapiso ya pelesa e e lapileng.

2E ikobile, e iname mmogo;

e ne e sa kake ya rola morwalo,

e bile yone ka yosi e ile kgolegong.

3“O tle o ntheetse

wena ntlo ya ga Jakobe,

le manoto otlhe a ntlo ya Iseraele,

a e sa leng jaaka a tswa mo mpeng

a ntse a belegwe ke nna,

a a ntseng a rwalwa

e sa le ka a tswa mo sebopelong.

4Le go ya kwa botsofading

e ntse ke nna fela,

le go ya kwa tlhogong e pududu,

ke tlaa nna ke lo rwala fela;

ke dirile, mme ke tlaa belega fela;

ee, ke tlaa rwala ke ba ke rola.

5“Ana lo a bo lo tlaa ntshwantsha

le mang lo ntekanya nae,

lo mpapisa le ene,

gore re tle re tshwane?

6Ba ba safang gouta mo morabaneng,

ba lekanya selefera ka selekanyo

sa pego, ba tle ba thape

mothudi wa gouta ka tuelo,

mme ene a di ntshe modimo;

ba wele fa fatshe, ee, ba obame.

7Ba o sikare mo leruding,

ba o sisele, ba o tlhome

mo felong ga one, mme o eme;

ga o ketla o tloga mo felong ga one;

ee, mongwe o tlaa o goa,

le fa go ntse jalo ga o kake wa araba,

le fa e le go mo golola mo tlalelong

ya gagwe.

8“Gakologelwang se, lo itshupe banna;

ikgakololeng gape lona batlodi.

9Gakologelwang dilo tsa pele tsa

bogologolo;

gonne ke nna Modimo,

mme ga go na ope o sele;

ke nna Modimo, mme ga go na ope

yo o tshwanang le nna.

10Yo ke bolelang bokhutlo

e sa ntse e le tshimologo,

ke bolele e sa le bogologolo

dilo tse di iseng di dirwe;

ka re: ‘Kgakololo ya me e tlaa ema,

ke tlaa dira go kgatlhega ga me

gotlhe fela.’

11Ka go bitsa nong e e phamolang

e tswa botlhabatsatsi,

monna wa kgakololo ya me,

a tswa lefatsheng le le kgakala;

ee, ke ikaeletse

le gone ke tlaa dirafatsa;

ke ikaeletse le gone ke tlaa dira.

12“Ntheetsang lona ba lo pelo

di lesoko,

ba lo kgakala le tshiamo;

13ke atametse tshiamo ya me,

ga e ketla e nna kgakala,

le poloka ya me

ga e ketla e nyafala:

mme ke tlaa baya poloko mo Sione,

ke e beela Iseraele kgalalelo ya me.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help