EKESODO 13 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Tlhomamiso ya maitibolo

1Jehofa a bua le Moše a re:

2 “Nkgethela bana ba ntlha botlhe, sengwe le sengwe se go itibolwang ka sone mo baneng ba Iseraele, sa motho le sa kgomo; ke sa me.”

Modiro wa senkgwe se se sa bedisiwang

3Moše a raya batho a re: “Gakologelwang letsatsi leno le lo duleng ka lone mo Egepeto, mo ntlong ya botlhanka; gonne Jehofa o lo ntshitse mo felong fa, ka thata ya letsogo; a go se jewe senkgwe se se bedisitsweng.

4Lo tswa ka letsatsi leno ka kgwedi ya Abibe.

5E tlaa re Jehofa a go fitlhisa mo lefatsheng la Mokanana, le la Mohite, le la Moamore, le la Mohife, le la Mojebuse, le o ikanetseng borraeno a re o tlaa le go naya, e le lefatshe le le elang maši le dinotshe, o tlaa tshegetsa tirelo e ka kgwedi eno.

6O je senkgwe se se sa bedisiwang ka malatsi a supa, mme ka letsatsi la bosupa go nne modiro wa ga Jehofa.

7Senkgwe se se sa bedisiwang a se jewe ka malatsi ao ka bosupa jwa one; mme go se fitlhelwe senkgwe se se bedisitsweng o na naso, le sebediso a se se bonwe mo go wena, mo lefatsheng la gago lotlhe fela.

8O tlaa bolelela morwao mo tsatsing leo o re: ‘Ke ka ntlha ya se Jehofa o ne a se ntirela jale ka ke tswa mo Egepeto.’

9Se e tlaa nna sesupo mo go wena mo seatleng sa gago le segopodiso fa gare ga matlho a gago, gore molao wa ga Jehofa o nne mo molomong wa gago; gonne Jehofa o go ntshitse ka letsogo le le thata mo Egepeto.

10Ke yone tao e o tlaa e tshegetsang mo lobakeng lwa yone ka ngwaga mangwe le mongwe.”

Batsalwapele

11“E re Jehofa a go fitlhisa mo lefatsheng la Mokanana, jaaka a ikanetse wena le borraeno, mme a le go naya,

12 o lomololele Jehofa botlhe ba go itibolwang ka bone le ditsalwapele tsotlhe tse o nang natso tsa diruiwa; tse ditonanyana e nne tsa ga Jehofa.

13Ditsalwapele tsotlhe tsa diesela o di rekolole ka kwanyana; fa o sa se rekolole o se komole thamo; mme bana ba basimane botlhe ba matsalwapele mo baneng ba gago ba basimane, o tlaa ba rekolola.

14Go tlaa diragala mo metlheng e e tlang gore fa morwao a go botsa a re: ‘Ke eng se?’ o tlaa mo raya o re: ‘Jehofa o re ntshitse ka thata ya letsogo mo Egepeto mo ntlong ya botlhanka.

15Ga diragala jale, ya re Faro a ntse a gana go re lesa re tsamaya, Jehofa a bolaya bana ba matsalwapele botlhe mo lefatsheng la Egepeto, batsalwapele ba batho, le matsalwapele a dikgomo; ke gone ka moo ke isetsang Jehofa tlhabelo ka gone, ya tsotlhe tse go itibolwang ka tsone, e le tse ditonanyana; mme motsalwapele wa bomorwaake ke a mo rekolola.’

16Se tlaa nna sesupo mo seatleng sa gago le sebetso sa gare ga matlho a gago, gonne Jehofa o re ntshitse mo Egepeto ka thata ya letsogo.”

Mosepuri wa leru le wa molelo

17Jaana ga dirala e rile Faro a sena go lesa batho ba tsamaya, Modimo wa se ka wa ba gago ka tsela ya lefatshe la Bafilisitia le fa e ne e le yone e e gaufi; gonne Modimo wa re: “E ka tla ya re fa batho ba bona ntwa ba ikwatlhaye ba boele kwa Egepeto.”

18Modimo wa potolosa batho ka tsela ya naga fela e e tlang ka Lewatle le Lehibidu: Bana ba Iseraele ba tlhatloga kwa Egepeto ba tlhometse dibolao.

19 Moše a tsaya marapo a ga Josefe a ya nao; gonne o ne a ikanisitse bana ba Iseraele thatathata a re: “Ruri Modimo o tlaa lo lekola; mme lo tlaa tsaya marapo a me mono lo ya nao.”

20Ba tloga ba tswa mo Sukothe ba ya ba thibelela mo Ethame, fa tshimologong ya sebaka sa naga fela.

21E re motshegare, Jehofa a ba etelele pele a le mo mosipuring wa leru, go tla a ba goga mo tseleng; bosigo a le mo mosipuring wa molelo go tla a ba naya lesedi, gore ba nne ba tsamaye motshegare le bosigo.

22Ga se ka ga tloga mosipuri wa leru motshegare, le fa e le mosipuri wa molelo bosigo fa pele ga batho.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help