BAHEBERE 3 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jesu o mogolo go Moše

1Ke gone bagaetsho ba ba itshepileng, lo le baabedwi ba pitso ya selegodimo, akanyang Moaposetole le Moperesiti yo mogolo wa tumelo ya rona, e bong Jesu;

2 yo o ne a ikanyega mo go one o o mmeileng, jaaka le ene Moše a ne a ntse mo ntlong yotlhe ya one.

3Gonne ene, o kailwe fa a tshwanetse kgalalelo e e fetang ya ga Moše, go etsa jaaka yo o agileng ntlo a tle a bone kgalalelo e e fetang ya yone ntlo.

4Gonne ntlo nngwe le nngwe e tle e agiwe ke motho mongwe; mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.

5Le gale Moše o ne a ikanyega mo ntlong yotlhe ya one, jaaka motlhanka go nna tshupo ka ga dilo tse di ne di tloga di bolelwa;

6mme Keresete o ne a ikanyega jaaka ngwana mo ntlong ya one; o rona re leng ntlo ya one, fa re tshegetsa botlhokapoifo jwa rona, le boikgantsho jwa tsholofelo ya rona ka tlhomamo, go ya kwa bokhutlong.

Boikhutso jwa batho ba Modimo

7 Ke gone fela jaaka Mowa o o Boitshepo o bua o re:

“Gompieno fa lo utlwa

lentswe la one,

8se kgwaralatseng pelo tsa lona

jaaka mo kgakatsong,

jaaka mo motlheng wa teko

kwa nageng,

9e borraeno ba ntalela ka yone

ba nteka,

mme ba bona ditiro tsa me

ka dinyaga di le masome mane.

10Ke gone ka moo

ke ne ka itumologela losika lo,

ka ba ka re:

‘Ba timela ka gale le ka gale

mo pelong tsa bone;

ga ba a ka ba itse ditsela tsa me.’

11Jaaka ke ikanne mo bogaleng

jwa me, ka re:

‘Ga ba ketla ba tsena

mo boikhutsong jwa me.’ ”

12Lo itise, bagaetsho, e se re kgotsa go bo go ka nna le mo go mongwe wa lona pelo e e bosula, e e sa dumeleng, ya go kgaogana le Modimo o o tshedileng.

13Lo laane ka malatsi otlhe, ka go sa ntse go ka twe: “Gompieno,” gore ope wa lona a se ka a kgwaraladiwa ke tsietso ya boleo.

14Gonne re diregile baabedwi le Keresete, fa re tshegetsa tshimologo ya boikanyo jwa rona, go ya ka tlhomamo kwa bokhutlong.

15 Ka go sa ntse go twe:

“Gompieno, fa lo utlwa

lentswe la one,

se ikgwaralatseng pelo tsa lona

jaaka mo kgakatsong.”

16 Ka gobo ke bomang ba e rileng ba sena go utlwa ba gakatsa? Nnyaa, a ga se bone botlhe ba ba duleng kwa Egepeto ka Moše?

17Ba o ba itumologetseng ka dinyaga di le 40, e ne e le bomang? A e ne e se ba ba leofileng, ba ditoto tsa bone di wetseng mo nageng?

18Ba o ba ikanetseng, wa re, ga ba ketla ba tsena mo boikhutsong jwa one, e ne e le bomang, fa e se ba ba neng ba le kgopo?

19Re a bona fa ba reteletswe ke go tsena, ka ntlha ya go tlhoka go dumela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help