PESALEMA 135 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Pako ya Morena wa boammaaruri yo o esi

1Bakang Jehofa;

lo bakeng leina la ga Jehofa;

lo mmakeng lona batlhanka

ba ga Jehofa;

2lona ba lo emang mo ntlong

ya Jehofa, mo malwapeng

a ntlo ya Modimo wa rona.

3Lo bakeng Jehofa;

gonne Jehofa o molemo;

opelelang leina la gagwe dipako;

gonne go monate.

4Gonne Jehofa o ikgethetse Jakobe

go nna wa gagwe ka sebele,

le Iseraele go nna khumo

ya gagwe e e tlhophegileng.

5Gonne ke a itse

fa Jehofa a le mogolo,

le go re Jehofa wa rona

o godimo ga medimo yotlhe.

6Sengwe le sengwe se Jehofa

o se ratileng o dirile sone fela,

kwa legodimong le mo lefatsheng,

mo mawatleng le mo mafelong

a a boteng otlhe fela.

7O tle a tlhatlose mouwane

kwa dikhutlong tsa lefatshe;

a direle pula dikgadima;

a ntshe phefo mo dibolokelong

tsa gagwe.

8Ke yo o na a itaya

matsalwapele a Egepeto,

a motho le a kgomo.

9O ne a baya ditshupo

le dikgakgamatso

mo gare ga gago Egepeto,

mo go Faro, le mo batlhankeng

ba gagwe botlhe fela.

10Yo o ne a itaya merafe e le mentsi,

a bolaya dikgosi tse di thata:

11Sihone kgosi ya Baamore,

le Oge kgosi ya Bašane,

le magosi otlhe a Kanana;

12a aba lefatshe la bone

go nna boswa,

boswa jwa ga Iseraele,

tšhaba ya gagwe.

13Leina la gago, Jehofa,

le eme ka bosakhutleng;

segopodiso sa gago, Jehofa, se ntse

mo tshikatshikeng tsotlhe fela.

14Gonne Jehofa o tlaa atlhola batho

ba gagwe,

mme o tlaa ikwatlhaya ka ga

batlhanka ba gagwe.

15 Medimo ya disetwa ya merafe

ke selefera le gouta,

tiro ya diatla tsa batho.

16E na le melomo, mme ga e bue;

e na le matlho, mme ga e bone;

17e na le ditsebe, mme ga e utlwe;

mme le gone ga go na mowa

mo melomong ya yone.

18Ba ba e dirang

ba tlaa tshwana nayo fela;

ee, mongwe le mongwe

yo o e ikanyang.

19Lona ba ntlo ya ga Iseraele,

bakang Jehofa;

lona ba ntlo ya ga Arone,

bakang Jehofa;

20lona ba ntlo ya ga Lefi,

bakang Jehofa;

lona ba lo boifang Jehofa,

lo bakeng Jehofa.

21A go bakwe Jehofa mo Sione,

yo o agileng kwa Jerusalema.

Bakang Jehofa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help