1Ke tlaa tlhaeleletsa koo go wena,
Jehofa; lefika la me,
o se ka wa ipaya bosusu mo go nna;
e ka tla ya re fa o ntidimaletse,
ka nna jaaka ba ba fologelang
mo moleteng.
2Utlwa lentswe la mekokotlelo ya me,
mogang ke go kuang,
mogang ke tsholeletsang mabogo
a me kwa felong ga bobuelo
fa go boitshepo ga gago.
3O se ka wa nkgogolela le baikepi,
le ba ba dirang tshiamololo;
ba ba buang kagiso le ba ga bone,
mme go senya go le mo pelong tsa
bone.
4 Ba neye ka fa tirong ya bone
le ka fa boikepong jwa go diradira
ga bone;
ba neye ka fa go direng ga diatla
tsa bone;
o ba neye tshwanelo ya bone.
5E re ka ba sa tlhokomele ditiro tsa
ga Jehofa,
le go dira ga diatla tsa gagwe,
o tlaa ba rutlolola,
e seng go ba a ba aga.
6A go bakwe Jehofa ka a utlwile
lentswe la mekokotlelo ya me.
7Jehofa ke thata ya me
le thebe ya me;
pelo ya me e ikantse mo go ene,
mme ke thusegile;
ka moo pelo ya me e itumela thata;
mme ke tlaa mmaka ka sefela sa me.
8Jehofa ke thata ya bone,
e bile ke kago e e thata ya phemelo
ya poloka ya motlodiwa wa gagwe.
9Boloka batho ba gago,
mme o segofatse boswa jwa gago;
o ba otle le gone, o ba belege
ka bosakhutleng.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
