ISAIA 31 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo o tlaa sireletsa Jerusalema

1Ija! A bo go latlhega bone ba ba tshologelang thuso kwa Egepeto, ba ikaega dipitse; ba ikanya dikara tsa tlhabano ka go bo di le dintsi, le bapalami ka go bo ba nonofile thata; mme ga ba lebe Moitshepi wa Iseraele, le gone ba sa batle Jehofa!

2Le fa go ntse jalo, le ene o botlhale, o tlaa lere bosula, ga a ketla a khutlisa mafoko a gagwe; o tlaa tsogologela ntlo ya badira bosula, a ba a tsogologela thuso e e tswang mo go ba ba dirang boikepo.

3Aitse, Baegepeto ke batho, ga se Modimo; le dipitse tsa bone ke nama, ga se mowa; mme e tlaa re Jehofa a ba otlololela letsogo la gagwe, go le yo o thusang o tlaa kgotswa, le yo o thusiwang o tlaa wa, mme ba tlhaele botlhe mmogo.

4Gonne Jehofa o nthaya jaana, a re: “Fela jaaka fa tau e kurutla, le jaaka tawana, godimo ga se di se bolaileng, fa bontsi jwa badisa ba bidiwa, gore ba e tshologele, ga e ketla e rerega ka lentswe la bone, le fa e le go ikokobetsa ka modumo wa bone; jalo fela Jehofa wa masomosomo o tlaa fologa a tla go tlhabana mo thabeng ya Sione, le mo thoteng ya teng.

5Jaaka dinonyane fa di phaphasela, jalo Jehofa wa masomosomo o tlaa femela Jerusalema; o tlaa femela a o golola, o tlaa o tlolaganya a o boloka.”

6Boelang kwa go ene yo lo mo tsuolololetseng mo gogolo, lona bana ba Iseraele!

7Gonne mo letsatsing leo motho mongwe le mongwe o tlaa latlha medimo ya gagwe ya disetwa ya selefera, le medimo ya gagwe ya disetwa ya gouta, e diatla tsa lona tota di e lo diretseng go nna boleo.

8“Foo Moasiria o tlaa wa ka tšhaka, mme e seng ya motho; tšhaka e e seng ya motho e tlaa mo gaila; mme o tlaa tshaba tšhaka, mme makau a gagwe a tlaa kgetha.

9Lefika la gagwe le tlaa fetela koo ka ntlha ya therego, le dikgosana tsa gagwe di tlaa rerega ka mokgele,” go bua Jehofa, yo molelo wa gagwe o leng mo Sione, le pesetso ya gagwe e leng mo Jerusalema.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help