1 SAMUELE 19 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Saule o tlhorisa Dafite

1Saule a raya Jonathane morwawe le batlhanka ba gagwe botlhe a re, ba bolaye Dafite.

2Jonathane morwa Saule o ne a natefelwa thata ke Dafite. Mme Jonathane a bolelela Dafite a re: “Saule rre, o batla go go bolaya; ke gone, ke a go rapela, o itise ka moso, o nne felo gongwe fa go sa itsiweng, mme o iphitlhe.

3Ke tlaa tswa ke ema fa go rre mo nageng e o mo go yone, ke tlaa seba le rre ka ga gago; fa ke lemoga sengwe ke tlaa se go bolelela.”

4Jonathane a bolela molemo ka ga Dafite mo go Saule rraagwe, a mo raya a re: “A kgosi e se leofele motlhanka wa yone, e bong Dafite; gonne ga a a go leofela, le ka ntlha ya gonne ditiro tsa gagwe di ntse di le molemo thata mo go wena.

5Gonne o ne a baya botshelo jwa gagwe mo seatleng sa gagwe, a bolaya Mofilisitia, mme Jehofa a direla Baiseraele botlhe phenyo e kgolo; o ne wa go bona, wa itumela; mme ka re o tlaa bo o leofelang madi a a se nang molato, fa o bolaya Dafite ka bomo fela?”

6Saule a reetsa lentswe la ga Jonathane; Saule a ba a ikana a re: “Jaaka Jehofa a tshedile, ga a ketla a bolawa.”

7Jonathane a bitsa Dafite, mme Jonathane a mo supetsa dilo tse tsotlhe. Jonathane a isa Dafite kwa go Saule, mme a nna fa pele ga gagwe jaaka gale.

8Ga nna ntwa gape; Dafite a bolola, a tlhabana le Bafilisitia, a ba bolaya ka polao e kgolo; ba tshaba fa pele ga gagwe.

9Mowa mongwe o o bosula o o tswang mo go Jehofa o ne o le mo go Saule, a dutse mo ntlong ya gagwe a tshotse lerumo la gagwe, Dafite a bo a letsa ka seatla sa gagwe.

10Saule a leka go phololeletsa Dafite fa lomoteng ka lerumo; mme a tila a tswa fa pele ga Saule, a tlhaba lomota ka lerumo; Dafite ene a tshaba, a falola 'sigo joo.

11 Saule a roma batho kwa ntlong ya ga Dafite gore ba mo lalele, ba mmolaye mo mosong; mme Mikale mosadi wa ga Dafite a mmolelela a re: “Fa o sa iphedise 'sigo jono, ka moso o tlaa bolawa.”

12Jalo Mikale a folosa Dafite ka fa fensetereng; a tsamaya, a tshaba, a falola.

13Mikale a tsaya moreo a o baya mo bolaong, a ba a baya mosamo wa bobowa jwa dipodi fa tlhogong ya one, a o khurumetsa ka dikobo.

14E rile Saule a roma batho ba tla go tshwara Dafite, mosadi a re: “O a bobola.”

15Saule a roma batho ba ya go bona Dafite, a re: “Mo lereng kwano go nna a le mo bolaong, gore ke mmolaye.”

16Ya re barongwa ba tsena, bonang, moreo wa bo o le mo bolaong, o na le mosamo wa bobowa jwa dipodi fa tlhogong ya one.

17Saule a raya Mikale a re: “Ana o ntsieleditseng jaana, wa lesa mmaba wa me, mme o falotse?” Mikale a fetola Saule a re: “O ntheile a re: ‘Ntesa ke tsamaye; nka bo ke go bolaelang?’ ”

18Jaana Dafite a tshaba, a falola, a tla kwa go Samuele kwa Rama, a mmolelela tsotlhe tse Saule o di mo diretseng. Ene le Samuele ba ya ba aga mo Naiothe.

19Ga bolelelwa Saule ga twe: “Bona, Dafite o mo Naiothe kwa Rama.”

20Saule a roma batho ba ya go tshwara Dafite; e rile ba bona lesomo la baperofeti ba duduetsa, le Samuele a eme e le tlhogo ya bone, mowa wa Modimo wa tla mo barongweng ba ga Saule, le bone ba duduetsa.

21Ya re go bolelelwa Saule, a roma batho ba bangwe, mme le bone ba duduetsa. Saule a fela a roma batho lwa boraro, le bone ba duduetsa.

22Foo le ene a ya kwa Rama a fitlha fa sedibeng se segolo se se mo Seku; a botsa a re: “BoSamuele le Dafite ba kae?” Mongwe a re: “Bona, ba kwa Naiothe kwa Rama.”

23A ya gone kwa Naiothe kwa Rama; mme mowa wa Modimo wa tla le mo go ene, a tswelela pele a ntse a duduetsa, ga tsamaya a fitlha mo Naiothe kwa Rama.

24 Le gone a apola diaparo, le gone a duduetsa fa pele ga Samuele, a namalala fa fatshe a sa ikatega ka tsatsi leo lotlhe le bosigo joo jotlhe. Ke gone ka moo ba tla ba re: “A Saule le ene o mo baperofeting?”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help