PESALEMA 145 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Kgalaletso ya bomolemo le thata ya ga JehofaPesalema ya pako; ya ga Dafite.

1Modimo wa me,

ke tlaa go godisa, Kgosi;

ke tlaa baka leina la gago

ka bosakhutleng le ka bosaengkae.

2Ke tlaa go baka ka malatsi otlhe;

ke tlaa baka leina la gago

ka bosakhutleng le ka bosaengkae.

3Jehofa o mogolo,

mme o na le go bakwa thata;

bogolo jwa gagwe ga bo na phukutso.

4Losika longwe

lo tlaa baka ditiro tsa gago

go ya losikeng lo longwe,

mme lo tlaa kakanya

ditiro tsa gago tsa bonatla.

5Ke tlaa akanya borena

jo bo galalelang

jwa tlotlego ya gago,

le ditiro tsa gago

tse di gakgamatsang.

6Batho ba tlaa bua

ka ga bonatla jwa ditiro tsa gago

tse di boitshegang;

mme ke tlaa bolela

bogolo jwa gago.

7Ba tlaa bolela kgakologelo

ya molemo o mogolo wa gago,

ba tlaa opela

ka ga tshiamo ya gago.

8Jehofa o pelotshweu,

o tletse pelotlhomogi;

o bonya go galefa,

mme o na le boutlwelobotlhoko

jo bogolo.

9Jehofa o molemo mo go tsotlhe;

mautlwelobotlhoko a manana

a gagwe

a okame ditiro tsotlhe tsa gagwe.

10Ditiro tsotlhe tsa gago

di tlaa go ntshetsa malebogo, Jehofa;

le baitshepi ba gago

ba tlaa go baka.

11Ba tlaa bua

ka ga kgalalelo ya bogosi jwa gago,

ba bua ka ga thata ya gago;

12go itsise bana ba batho

ditiro tsa gagwe tsa bonatla,

le kgalalelo ya borena

jwa bogosi jwa gagwe.

13Bogosi jwa gago

ke bogosi jo bo se nang bokhutlo,

le puso ya gago

e eme go ya ditshikatshikeng tsotlhe.

14Jehofa o tshegetsa botlhe

ba ba wang,

o topalatsa botlhe ba ba obameng.

15Matlho a dilo tsotlhe

a lebeletse wena;

mme o tle o di fe dijo tsa tsone

mo metlheng e e lebanyeng.

16O huporolola seatla sa gago,

o kgorise keletso

ya ditshedi tsotlhe fela.

17Jehofa o tshiamo

mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe,

o pelotshweu mo ditirong

tsotlhe tsa gagwe.

18Jehofa o gaufi le botlhe

ba ba mmitsang,

e bong botlhe ba ba mmitsang

ka boammaaruri.

19O tlaa dirafatsa keletso

ya ba ba mmoifang;

le gone o tlaa utlwa pitso

ya bone, a ba boloke.

20Jehofa o boloka botlhe

ba ba mo ratang;

mme baikepi botlhe o tlaa ba senya.

21Molomo wa me

o tlaa bua pako ya ga Jehofa;

a nama yotlhe e bake

leina la gagwe le le boitshepo,

ka bosakhutleng le ka bosaengkae.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help