DUTERONOME 8 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Lefatshe le le molemo go ruiwa

1“Taolo yotlhe e ke e go laolelang gompieno, lo e tlhokomele go e dira, gore lo tshele, lo ntsifale, lo tsene lo ye go rua lefatshe le Jehofa o ne a le ikanela borra ba lona.

2O ikgakolole tsela yotlhe e Jehofa Modimo wa gago o go gogileng ka yone, dinyaga tse di 40 tse, mo nageng, gore a go ise tlase, a go leke, a itse se se mo pelong ya gago, boo o tlaa tshegetsa ditaolo tsa gagwe kgotsa nnyaa.

3 O ne a go isa tlase, a go bolaisa tlala, a go otla ka mana, a o ne o sa a itse, le fa e le bone borraeno ba ne ba sa a itse; gore a go itsise fa motho a sa tshele ka dijo di le tsosi, fa e se gore, motho o tshela ka sengwe le sengwe se se tswang mo molomong wa ga Jehofa.

4Diaparo tsa gago ga di a ka tsa go onalela, le lonao lwa gago ga lo a ka lwa ruruga, ka dinyaga tse di 40 tse.

5Le gone o akanye mo pelong ya gago gore jaaka motho a tle a otlhaye morwawe, Jehofa Modimo wa gago o a tla a go otlhaye jalo.

6O tshegetse ditaolo tsa ga Jehofa Modimo wa gago, go sepela mo ditseleng tsa gagwe, le go mmoifa.

7Gonne Jehofa Modimo wa gago, o go isa mo lefatsheng le le molemo, lefatshe la dinokana tsa metsi, la metswedi, le metlhodi e e tswelang mo megogorong le mo dithabeng;

8lefatshe la mabele le barele, la mafine, la mafeige le la magaranata; lefatshe la matlhware a lookwane le dinotshe;

9lefatshe le o tlaa jang dijo mo go lone di sa tlhokafale; ga o ketla o tlhoka sepe mo go lone; lefatshe le maje a lone a leng tshipi, le le o ka epang kgotlho mo makhubung a lone.

10O tlaa ja o kgora, mme o tlaa baka Jehofa Modimo wa gago ka ga lefatshe le le molemo le o le go neileng.

Tlhagiso kgatlhanong le go lebala Jehofa

11 “O itise gore o se lebale Jehofa Modimo wa gago, ka go tlhoka go tshegetsa ditalo tsa gagwe, le dikatlholo tsa gagwe, le ditao tsa gagwe tse ke di go laolelang gompieno;

12e se re gonwe o sena go ja o kgora, o agile matlo a mantle, o ntse mo go one;

13le gone e tlaa re matlhape a gago, le matsomane a gago a ntsifatse, le selefera sa gago, le gouta ya gago di ntsifetse, le tsotlhe tse o nang natso di ntsifetse,

14foo pelo ya gago e ikgogomose, mme o lebale Jehofa Modimo wa gago, yo o go ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto, mo ntlong ya botlhanka;

15yo o ne a go goga a go ralatsa naga e kgolo le e e boitshegang, e dinoga tse di bogale le diphepheng di ntseng mo go yone, e le lefatshe le le lokgere le go se nang metsi mo go lone; yo o go ntsheditseng metsi mo lefikeng le le legakwa.

16Jehofa o ne a go jesa mo nageng ka mana, a borraeno ba ne ba sa a itse, gore a tle a go ise tlase le gore a go leke, go go direla molemo kwa bokhutlong jwa gago.

17O ba o bua mo pelong ya gago, o re: ‘Thata ya me, le nonofo ya letsogo la me, ke tsone tse di nneileng khumo e.’

18O gakologelwe Jehofa Modimo wa gago, gonne ke ene yo o go nayang thata ya go bona khumo, gore a tlhomamise kgolagano ya gagwe e o e ikanetseng borraeno, jaaka go ntse gompieno.

19Go tlaa dirala gore, e re fa o lebala Jehofa Modimo wa gago, o sala medimo e sele morago, o e direla, o e obamela, ke supa ka ga lona gompieno, ka re, ruri lo tlaa nyelela.

20Jaaka merafe e Jehofa o e nyeletsang fa pele ga lona, le lona lo tlaa nyelela jalo; gonne lo no lo gana go reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa lona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help