PESALEMA 27 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya pakoPesalema ya ga Dafite.

1Jehofa ke lesedi la me,

le poloka ya me;

ke tlaa boifa mang?

Jehofa ke thata ya botshelo jwa me,

ke tlaa nna mo poifong ka ga mang?

2E rile badira bosula ba nkwela

ba tla go ja nama ya me,

e bong baganetsi ba me

le baba ba me, ba kgopiwa ba wa.

3Le fa ntwa e ka tla ya thibelela

fa tlase ga me,

pelo ya me ga e ketla e boifa;

le fa tlhabano e ka tla ya ntsogela,

le gone moo ke tlaa nna boikanyo fela.

4Ke lopile selo sengwe mo go Jehofa,

ke sone se ke tlaa se senkang;

ke gore ke tle ke age

mo ntlong ya ga Jehofa

ka malatsi otlhe a botshelo jwa me,

go leba bontle jwa ga Jehofa

le go botsa mo tempeleng ya gagwe.

5Gonne e tlaa re mo motlheng

wa khuduego o tlaa mpoloka

ka go sa itsiweng

mo mogopeng wa gagwe;

o tlaa mphitlha mo sekhuting

sa motlaagana wa gagwe;

o tlaa ntsholetsa

a mpaya mo lefikeng.

6Mme jaana tlhogo ya me

e tlaa tsholediwa godimo ga baba

ba me ba ba mo tikologong ya me;

mme ke tlaa isa mo motlaaganeng

wa gagwe

ditshupelo tsa meduduetso;

ke tlaa opela,

ee, ke tlaa opelela Jehofa dipako.

7Jehofa, utlwa mogang ke goang

ka lentswe la me;

o bo o nkutlwele botlhoko,

mme o nkarabe.

8E rile fa o re:

“Batlang sefatlhogo sa me,”

pelo ya me ya go raya ya re:

“Sefatlhogo sa gago Jehofa,

ke tlaa se batla.”

9O se ka wa mphitlhela sefatlhogo

sa gago;

o se ka wa kgorometsa motlhanka

wa gago ka bogale;

wena o ntse o le thuso ya me;

o se ka wa ntatlha,

le gone o se ka wa ntlogela,

wena Modimo wa poloko ya me.

10Gonne rre le mme ba ntatlhile,

mme Jehofa o tlaa ntshola.

11Nthuta motlhala wa gago, Jehofa,

o ntsamaise mo tseleng e e bonalang,

ka ntlha ya baba ba me.

12O se ka wa nneela

mo go rateng ga baganetsi ba me;

gonne basupi ba maaka

ba ntsogologetse,

le ba ba budulang bopeloethata.

13Nkabo ne ne fano ke idibetse,

fa ke ne ke se ka ka dumela

fa ke tlaa bona molemo wa ga Jehofa

mo lefatsheng la batshedi.

14Lebelela mo go Jehofa;

o nne thata,

mme a pelo ya gago e natlafale;

ee, lebelela mo go Jehofa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help