SEFELA SA DIFELA 3 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1E rile bosigo ke le mo bolaong

jwa me ka batla ene

yo mowa wa me o mo ratang;

ka mmatla,

mme ke se ka ka mmona.

2Ka re: “Jaana ke tlaa tsoga,

ke tlaa tsamayatsamaya mo motseng,

mo mebileng le mo ditseleng tsa

mheru, ke tlaa mmatla, ke batla

ene yo mowa wa me o mo ratang;”

ka mmatla,

mme ke se ka ka mmona.

3Balebedi ba ba tsamayatsamayang

mo motseng ba mphitlhetse;

ka ba raya ka re: “A lo bonye

ene yo mowa wa me o mo ratang?”

4Ya re ke ba fapaanya go le gonnye,

ka fitlhela ene yo mowa wa me

o mo ratang; ka mo tshegetsa,

ka gana go mo lesa, ga tsamaya

ka mo isa mo ntlong ya ga mme,

le mo ntlwaneng ya gagwe

yo o nkimileng.

5Lona bomorwadia Jerusalema,

ke a lo ikanisa ka ditshephe,

le ka dikwalata tsa naga,

go re lo se ka lwa tlhotlheletsa,

le fa e le go tsosa lorato,

go tle go tsamaye

go kgatlhege lona pele.

SEFELA SA BORAROSa Mosadi

6E mang yo o tlhatlogang

a tswa kwa nageng jaaka

dithogomusi tsa mosi;

a nkgisitswe monate ka mura

le ka lebano,

le ka dikubuelo tsotlhe tsa morekisi.

7Bonang, ke sefata sa ga Solomone;

se dikanyeditswe ke banna ba ba

dinatla ba le masome a marataro,

e le banna ba ba dinatla ba Iseraele.

8Ba itse go kgatimokanya tšhaka

botlhe, ba rutegile mo ntweng;

mongwe le mongwe o beile tšhaka

ya gagwe ka fa seropeng

ka ntlha ya go boifa bosigo.

9Kgosi Solomone o ne a itirela kara

ya segosi ka dikgong tsa Lebanone.

10A dira maikaego a yone ka selefera,

mpa ya yone ka gouta,

manno a yone ka bohibidu

jo bo mokgona,

bogareng jwa sone go adilwe lorato

ke bomorwadia Jerusalema.

11Tswelang kwa ntle,

lona bomorwadia Sione,

lo bone kgosi Solomone

a na le serwalo sa tlhogo,

se mmaagwe o se mo rwesitseng

mo letsatsing la go tsaya ga gagwe,

mo letsatsing la boipelo jwa pelo

ya gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help