EKESODO 4 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Moše o fiwa thata ya go dira dikgakgamatso

1Moše a fetola a re: “Bona, ga ba ketla ba ntumela le fa e le go reetsa lentswe la me; gonne ba tlaa re: ‘Jehofa ga a a go bonalela.’ ”

2Jehofa a mo raya a re: “Ke eng se se mo seatleng sa gago?” A re: “Ke thobane.”

3Mme a re: “E latlhele fa fatshe.” A e latlhela fa fatshe, ya fetoga noga; Moše a e tshaba.

4Jehofa a raya Moše a re: “Ntsha letsogo la gago o e tshware ka mogatla.” A ntsha letsogo a e tshwara, mme ya fetoga thobane mo seatleng sa gagwe.

5“Gore ba dumele fa Jehofa, Modimo wa borraabo, Modimo wa ga Aberahame, Modimo wa ga Isake, le Modimo wa ga Jakobe, o go bonaletse.”

6Gape Jehofa a fela a mo raya a re: “Tsenya seatla sa gago mo sehubeng sa gago.” A tsenya seatla sa gagwe mo sehubeng sa gagwe; a re a se ntsha, bonang seatla sa gagwe sa bo se le lepero, se le sesweu jaaka kapoko.

7A re: “Tsenya seatla sa gago gape mo sehubeng sa gago.” Mme a tsenya seatla sa gagwe mo sehubeng sa gagwe gape; a re a se ntsha sa bo se fetogile gape, se ntse jaaka nama ya gagwe e nngwe.

8“E tlaa re fa ba sa go dumele le fa e le go reetsa lentswe la sesupo sa ntlha, ba tlaa dumela lentswe la sesupo sa morago.

9Fa ba sa dumele le fa e le ditshupo tse pedi, le fa e le go reetsa lentswe la gago, o tlaa tsaya metsi a noka, o a thele mo mmung o o omeletseng; metsi a o a tsayang mo nokeng a tlaa fetoga madi mo mmung o o omeletseng.”

10Moše a raya Jehofa a re: “Ao, Morena, ga ke motho yo o itseng go bua sentle, le fa e le gale, le fa e le o sena go bua le motlhanka wa gago, gonne ke bonya mo puong, ke bile ke loleme lo bonya.”

11Jehofa a mo raya a re: “E mang yo o dirileng molomo wa motho? Kgotsa e mang yo o dirang motho gore a nne semumu, gongwe a nne susu, gongwe a nne yo o bonang, kgotsa a nne sefofu? A ga se nna Jehofa?

12Jaanong ka re tsamaya, ke tlaa nna le molomo wa gago ke go ruta se o tlaa se buang.”

13Mme a re: “Ao, Jehofa, a ko o rome ka yo o ka mo romang.”

14Bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Moše, foo a re: “A mogoloo Arone, Molefi, a ga a gone? Ke a itse fa ene a ka bua sentle. Le gone, bona, o e tla, o tla go go kgatlhantsha, o tlaa re a go bona a itumele mo pelong ya gagwe.

15O tlaa bua nae, o tsenya one mafoko mo molomong wa gagwe; ke tlaa nna le molomo wa gago le molomo wa gagwe, ke lo ruta se lo tlaa se dirang.

16Ene o tlaa nna mmueledi wa gago mo bathong: go tlaa diragala gore ene a nne molomo wa gago, wena o nne jaaka Modimo mo go ene.

17Thobane e, e o tlaa dirang ditshupo ka yone, o e tshole ka seatla sa gago.”

Moše o boela kwa Egepeto

18Moše a tsamaya a boela kwa go Jethero mogwagadie, a mo raya a re: “A ko o mme ke tsamaye ke boele kwa go bagaetsho ba ba kwa Egepeto, ke ye go bona gore a ba sa ntse ba tshedile.” Jethero a raya Moše a re: “Tsamaya ka kagiso.”

19Moše a re a le mo Midiane Modimo wa mo raya wa re: “Tsamaya o boele kwa Egepeto; gonne banna botlhe ba ba neng ba ba batla go go bolaya ba sule.”

20Moše a tsaya mosadi wa gagwe le bomorwawe, a ba palamisa mo eseleng, a boela kwa lefatsheng la Egepeto; Moše a tshola thobane ya Modimo mo seatleng sa gagwe.

21Jehofa a raya Moše a re: “E tlaa re o boela kwa Egepeto, o bone gore o dire fa pele ga Faro dikgakgamatso tse ke di go tsentseng mo seatleng; ke tlaa thatafatsa pelo ya gagwe, ga a ketla a leseletsa batho ba tsamaya.

22Mme o reye Faro o re: Jehofa o bua jaana a re: ‘Iseraele ke morwaake, ngwana wa ntlha wa me.

23 Ke go reile ka re: Mma morwaake a tsamaye, gore a ye go ntirela; mme o ganne go mo lesa: bona, ke tlaa bolaya morwao, ngwana wa ntlha wa gago.’ ”

24Ga diragala ya re mo tseleng kwa go lalwang gone, Jehofa a mo kgatlhantsha, mme a batla go mmolaya.

25Foo Sipora a tsaya lekgethu, a rupisa morwawe, a go latlhela fa dinaong tsa gagwe; a re: “Ruri o monna wa madi mo go nna.”

26Jalo Jehofa a mo lesa. Foo mosadi a re: “O monna wa madi,” ka thupiso.

27Jehofa a raya Arone a re: “Ya kwa nageng, o ye go kgatlhantsha Moše.” Jalo a ya a kopanela nae mo thabeng ya Modimo, mme a mo atla.

28Moše a bolelela Arone mafoko otlhe a Jehofa o a mo romileng, le ditshupo tsotlhe tse o di mo laoletseng.

29Moše le Arone ba ya ba phutha bagolwane botlhe ba bana ba Iseraele.

30Mme Arone a bua mafoko otlhe a Jehofa o a buileng le Moše, a ba a dira ditshupo mo ponong ya batho.

31Batho ba dumela; e rile ba utlwa fa Jehofa a lekotse bana ba Iseraele, a bile a bonye patikego ya bone, foo ba ikoba ditlhogo, ba obama.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help