PESALEMA 64 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya go sirelediwa mo babengPesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo.

1Utlwa lentswe la me, Modimo,

mo boitokong jwa me;

dibela botshelo jwa me

mo go boifeng mmaba.

2Ntshubela kgakololo ya mo

sephiring ya badira bosula;

mo pheretlhong ya badiri

ba boikepo;

3ba ba looditseng loleme lwa bone

jaaka tšhaka,

ba kaile metswi ya bone

e e leng mafoko a a galakang;

4gore e tle e re ba le mo maipobong

ba hule yo o itekanetseng;

ba mo hule ka tshoganetso,

mme ba sa boife.

5Ba itlhoafatsa

mo boikaelelong jo bo bosula;

ba bue mmogo ka ga go baya diru

ka boiphitlho, ba re:

“E mang yo o tlaa di bonang?”

6Ba tle ba tlhotlhomise maikepo,

ba re: “Re sweditse tatelelo

gotlhe, ka boitshoko.”

Mme mogopolo o o kwa teng

wa mongwe le mongwe

o boteng, le yone pelo.

7Modimo o tlaa ba hula;

ba tlaa kwenesiwa

ka tshoganetso ka motswi.

8Jalo ba tlaa kgokgoediwa,

loleme lwa bone ka bosi

lo ntse lo ba nyatsa;

botlhe ba ba ba bonang

ba tlaa ribaribetsa ka ditlhogo.

9Batho botlhe ba tlaa boifa; mme

ba tlaa bolelo tiro ya Modimo,

le go dira ga one

ba tlaa go akanya ka botlhale.

10Basiami ba tlaa itumela mo go

Jehofa, ba tlaa ikanya mo go ene;

botlhe ba ba pelo e e thokgameng

ba tlaa ja koma.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help