PESALEMA 92 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Kgalaletso ya tshiamo ya ga JehofaPesalema, Sefela sa letsatsi la Sabata.

1Ke selo se se molemo

go ntshetsa Jehofa malebogo,

le go opelela leina la gago dipako,

wena Mogodimodimo;

2go bolelelapale bopelonomi

jwa gago jwa lorato go le ka moso,

le boikanngo jwa gago

ka masigo otlhe.

3Ka seletso se se megala e le some,

le ka saletare;

ka modumo o o tibelang tlase

ka harepe.

4Gonne wena, Jehofa,

O impedisitse ka tiro ya gago;

ke tlaa ja koma

mo ditirong tsa diatla tsa gago.

5Ana ditiro tsa gago

di dikgolo jang Jehofa!

Megopolo ya gago e boteng thata.

6Motho yo o seeleele ga a itse;

le gone lesilo ga le tlhaloganye mo,

go re,

7e re baikepi ba tswetswena

jaaka bojang,

le badira tshiamolo botlhe ba kgaba;

e be e le gore ba nyelelediwe ruri.

8Mme wena Jehofa,

o kwa godimo ka bosenabokhutlo.

9Gonne, bona, baba ba gago, Jehofa;

gonne bona,

baba ba gago ba tlaa nyelela;

badiri botlhe ba tshiamololo

ba tlaa gasagasega fela.

10Lonaka lwa me

o lo goleditse jaaka lwa nare;

ke tloditswe lookwane lo loša.

11Leitlho la me le lone le bonye

keletso ya me mo babeng ba me,

ditsebe tsa me di utlwile

keletso ya me ka ga badira bosula

ba ba ntsogologelang.

12Mosiami o tlaa kgaba jaaka

mokolane; o tlaa gola

jaaka mosetara wa Lebanone.

13Ba ba tlhomilweng

mo ntlong ya ga Jehofa

ba tlaa kgaba mo malwapeng

a Modimo wa rona.

14Ba tlaa fela ba ntse ba ungwa fela

le mo botsofeng;

ba tlaa tlala monono,

ba nna banana,

15go supa fa Jehofa a le thokgamo;

ke ene lefika la me,

mme ga go na tshiamololo epe

mo go ene.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help