1Moše a bitsa Baiseraele botlhe, a ba raya a re: “Utlwang lona Baiseraele, ditao le dikatlholo tse ke di buang mo ditsebeng tsa lona gompieno, gore lo di ithute, lo di tlhokomele go di dira.
2Jehofa Modimo wa rona o ne a dira kgolagano le rona mo Horebe.
3Jehofa ga a ka a dira kgolagano eo le borraetsho, fa e se le rona fela, e bong rona ba re sa ntseng re tshedile fano rotlhe gompieno.
4Jehofa a buisanya le lona go lebanywe difatlhogo mo thabeng, a le mo gare ga molelo,
5(ke ne ka ema fa gare ga Jehofa le lona ka baka loo, go lo utlwisa lefoko la Jehofa; gonne lona lo ne lo boifa ka ntlha ya molelo, mme lo se ka lwa tlhatlogela mo thabeng;) a re:
6“Ke nna Jehofa Modimo wa gago yo ke go ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto le mo ntlong ya botlhanka.
7“O se ka wa nna le medimo epe e sele fa e se nna.
8 “O se ka wa itirela setshwantsho sepe se se setilweng, e le setshwano sa sebopego sengwe se se kwa legodimong kwa godimo, kgotsa sa se se mo lefatsheng fa tlase, kgotsa sa se se mo metsing kwa tlase ga lefatshe.
9 “O se ka wa di ikobela, le fa e le go di direla, gonne, Nna Jehofa Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa, yo ke beletsang bana tshiamololo ya borra ba bone go ya kokomaneng ya boraro, le go ya mo go ya bone ya ba ba nkilang.
10Mme ba ba makgolokgolo a bone ba ba nthatang, ba tshegetsa ditaolo tsa me, ke ba supetse boutlwelobotlhoko.
11 “O se ka wa umakela leina la ga Jehofa Modimo wa gago lefela, gonne ene yo o umakelang leina la gagwe lefela, Jehofa ga a ketla a mo kaya a se na molato.
12 “Tlhokomela letsatsi la Sabata go le itshepisa, jaaka Jehofa Modimo wa gago a go laotse.
13 O dire o bo o swetse ditiro tsotlhe tsa gago ka malatsi a le marataro.
14Mme letsatsi la bosupa ke Sabata wa ga Jehofa Modimo wa gago; o se ka wa dira tiro epe mo go lone, wena le fa e le morwao, le fa e le morwadio, le fa e le motlhanka wa gago, le fa e le lelata la gago, le fa e le pelesa ya gago, le fa e le esela ya gago, le fa e le diruiwa dipe tsa gago, le fa e le moeng wa gago yo o mo teng ga dikgoro tsa gago; gore motlhanka wa gago le lelata la gago le bone, ba ikhutse jaaka wena.
15Le gone o gakologelwe fa wena o ne o le motlhanka mo lefatsheng la Egepeto, mme Jehofa Modimo wa gago a go ntsha teng ka letsogo la nonofo, le ka letsogo le le otlologileng: ke gone ka moo Jehofa Modimo wa gago o go laotseng gore o ilele letsatsi la Sabata.
16 “Tlotla rraago le mmaago, jaaka Jehofa Modimo wa gago a go laotse; gore malatsi a gago a nne maleele, le gore go ye sentle nao mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang.
17 “O se ka wa bolaya motho.
18 “Le gone o se ka wa dira boaka.
19 “Le gone o se ka wa utswa.
20 “Le gone o se ka wa supa maaka ka ga mongwe ka wena.
21 “Le gone o se ka wa eletsa mosadi wa mongwe ka wena; le gone o se ka wa eletsa ntlo ya mongwe ka wena; le fa e le motlhanka wa gagwe, le fa e le lelata la gagwe, le fa e le pelesa ya gagwe, le fa e le sepe se e leng sa mongwe ka wena.
22 “Mafoko ao, Jehofa a a bua le phuthego yotlhe ya lona mo thabeng, a le mo gare ga molelo, le ga leru, le ga lefifi le le kwenneng, a a bua ka lentswe le le godileng; mme a se ka a a oketsa. Mme a a kwala mo matlapeng a le mabedi a a nneela.”
Poifo ya batho(Ekes 20:18-21)23“Ga dirala ya re lo utlwa lentswe le tswa mo gare ga lefifi, thaba e ntse e tuka molelo, lwa nkatamela, e bong ditlhogo tsotlhe tsa ditso tsa lona le bagolwane ba lona;
24lwa re: ‘Bona, Jehofa Modimo wa rona o re supeditse kgalalelo ya gagwe, le bogolo jwa gagwe, re utlwile lentswe la gagwe le tswa mo gare ga molelo; re bonye gompieno fa Modimo o bua le motho, mme a tshele.
25Jaana re tlaa bo re swelang? Gonne molelo o mogolo o, o tlaa re laila o re swetsa; gonne fa re fela re tswelela pele go utlwa lentswe la ga Jehofa Modimo wa rona gape, foo re tlaa swa.
26Gonne go na le mang wa nama yotlhe yo o kileng a utlwa lentswe la Modimo o o tshedileng le bua le tswa mo gare ga molelo, jaaka rona re le utlwile, mme a tshela?
27A go atamele wena o utlwe tsotlhe tse Jehofa Modimo o tlaa di buang; a go bue wena le rona, o bue tsotlhe tse Jehofa Modimo wa rona o tlaa di buang nao; re tlaa di utlwa re di dira.’
28“E rile lo bua le nna, Jehofa a utlwa lentswe la mafoko a lona, mme Jehofa a nthaya a re: ‘Ke utlwile lentswe la mafoko a tšhaba e, a ba a buileng nao; gotlhe mo ba go buileng ba buile sentle.
29A bo pelo e e ntseng jalo e ka bo ne ne e le mo go bone, gore ba mpoife, ba tshegetse ditaolo tsa me tsotlhe ka metlha yotlhe, gore go tle go nne sentle nabo, le bana ba bone ka bosakhutleng!
30Ya o ba reye o re: Boelang kwa megopeng ya lona.
31Ka ga gago, wena o eme fano fa go nna, mme ke tlaa bua nao taolo yotlhe, le ditao, le dikatlholo tse o tlaa di ba rutang, gore ba di dire mo lefatsheng le ke le ba nayang go le rua.’
32“Ke gone lo tlhokomeleng go dira jaaka Jehofa Modimo wa lona a lo laotse; lo se ka lwa fapogela ntlheng ya le legolo, kgotsa ntlheng ya la molema.
33Lo sepele fela mo tseleng yotlhe e Jehofa Modimo o e lo laoletseng, gore lo tshele, le gore go nne sentle le lona, le gore lo lelefatse malatsi a lona mo lefatsheng le lo tlaa le ruang.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.