1Jalo Abija a robala le borraagwe, ba mo fitlha mo motseng wa ga Dafite, mme Asa morwawe a busa mo boemong jwa gagwe. Ya re mo metlheng ya gagwe lefatshe la bona boiketlo ka dinyaga di le some.
2Asa a dira se se molemo le se se siameng mo matlhong a ga Jehofa Modimo wa gagwe.
3Gonne o ne a tlosa dibeso tsa seeng, le mafelo a a tlotlometseng, a thubaka maje a a metloutlo, a rema Medimako.
4A laola Bajuta gore ba batle Jehofa Modimo wa borraabo, le go dira molao le taolo.
5Le gone a tlosa mafelo a a tlotlometseng le ditshwantsho tsa letsatsi mo metseng yotlhe ya Juta, mme bogosi jwa iketla fa pele ga gagwe.
6A aga metse e e thekeleditsweng mo Juta, gonne lefatshe le ne le iketlile, mme a se ka a bona ntwa epe ka dinyago tseo, ka gonne Jehofa o na a mo neile boikhutso.
7Gonne o ne a raya Bajuta a re: “A re ageng metse e, mme re direng dithako mo tikologong ya yone, le dikago tse di godileng tsa phemelo, le ditswalo le mephakalego; lefatshe le sa ntse le le fa pele ga rona, ka re batlile Jehofa Modimo wa rona, re mmatlile, mme o re neile boikhutso ka ntlha tsotlhe. Mme ba aga ba kokotlegela.”
8Asa o ne a na le ntwa ya banna ba ba tsholang dithebe le marumo, ba ba tswang mo Juta ba le 300 000; le ba ba tswang mo go Benjamine ba le 280 000, ba ba tsholang dithebe ba itse go fula ka bora; ba botlhe e le diganka tse di pelokgale.
9Mme ba bololelwa ke Sera wa Moethiopia a na le ntwa e le 1 000 000, le dikara di le 300; a fitlha mo Mareša.
10Foo Asa a ya go mo kgatlhantsha, mme ba aba tlhabano mo molapong wa Sefatha kwa Mareša.
11Asa a goela kwa go Jehofa Modimo wa gagwe a re: “Jehofa, ga go na ope kwa ntle ga gago yo o thusang, gare ga mothata le yo o se nang nonofo; re thuse Jehofa Modimo wa rona, gonne re ikaegile mo go wena, re bololetse bontsi jo ka leina la gago. Jehofa, ke wena Modimo wa rona, a motho a se go fenye.”
12Jalo Jehofa a kgemetha Baethiopia fa pele ga Asa, le fa pele ga ba Juta, mme Baethiopia ba tshaba.
13Asa le batho ba a nang nabo a ba konatelela ba ya go fitlha kwa Gerare, mme Baethiopia ba wa ka bontsi jo bogolo; ya ba ya nna motlhakola o o diphepa, gonne ba ne ba thubegile fa pele ga Jehofa, le fa pele ga ntwa ya gagwe; mme ba tsaya thopo e le kgolo thata.
14Ba kgemetha metse yotlhe e e mo tikologong ya Gerare, gonne poifo ya ga Jehofa ya tla mo go bone, mme ba thopa metse yotlhe, gonne go le thopo e le kgolo mo go yone.
15Ba kgemetha le yone megope ya dikgomo, ba ba ba gapa dinku di le dintsi le dikamela, mme ba boela Jerusalema.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.