PESALEMA 122 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Kgalaletso ya JerusalemaSefela sa Ditlhatlogo, sa ga Dafite.

1E rile ba nthaya ba re:

“A re yeng kwa ntlong

ya ga Jehofa,” ka itumela.

2Dinao tsa rona di eme

mo teng ga dikgoro tsa gago,

wena Jerusalema;

3Jerusalema,

o agilwe jaaka motse o o kitlanyeng;

4kwa ditso di tlhatlogelang gone,

e bong ditso tsa ga Jehofa,

go nna tshupo mo go Iseraele,

go ntshetsa leina la ga Jehofa

malebogo.

5Gonne ditulo tsa bogosi

tsa katlholelo di beilwe gone,

e bong ditulo tsa bogosi

tsa ntlo ya ga Dafite.

6Rapelelang kagiso ya Jerusalema:

“Ba ba go ratang ba tlaa

tlhogonolofala.

7A go nne kagiso

mo teng ga dithako tsa gago,

le go tlhogonolofala mo teng

ga matlo a gago a dikgosi.”

8Ka ntlha ya bana ba ga rre

le bankana ba me,

ke tlaa bua jaana ke re:

“Kagiso e nne mo teng ga gago.”

9Ka ntlha ya ntlo ya ga Jehofa,

Modimo wa rona,

ke tlaa go batlela se se molemo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help