PESALEMA 42 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

KGAOGANO 2(DIPESALEMA 42 – 72)Go nyorelwa ModimoMasekile wa bomorwa Kora. Pina ya moopedi yo mogolo.

1Jaaka kwalata e hemahemela

melatswana ya metsi,

mowa wa me o go hemahemela jalo

Modimo.

2Mowa wa me o nyorelwa Modimo,

e bong Modimo o o tshedileng;

ke tlaa tla leng

ka bonala fa pele ga Modimo?

3Dikeledi tsa me

e ne e ntse e le tsone dijo tsa me

motshegare le bosigo,

ka ba tlhola ba ntse ba nthaya ba re:

“Modimo wa gago o kae?”

4Dilo tse, ke a di gakologelwa,

mme ke tsholole mowa wa me

mo teng ga me,

jaaka ke ne ke tle ke ye

le bontsi jwa batho ke ba gogela

kwa ntlong ya Modimo,

ka lentswe la boitumelo le pako,

e le bontsi

jo bo ilelang letsatsi la modiro.

5O inametseng wena mowa wa me?

O tlhodiegetseng mo teng ga me?

Solofela fela mo Modimong,

gonne ke tlaa nama ke tla ke o

bakela thuso ya sefatlhogo sa one.

6Ao! Modimo wa me, mowa wa me

o iname mo teng ga me, ke gone

ka moo ke go gakologelwang

ke le mo lefatsheng la Joretane

le mo Heremone,

kwa thabaneng ya Misare.

7Madiba a a botengteng a bitsakanya

ka kgwaso ya maphothoselo a gago;

dinteelo tsotlhe tsa gago

le makhubu otlhe a gago

a ntloletse godimo.

8Le fa go ntse jalo Jehofa

o tlaa laola bopelonomi jwa gagwe

jwa lorato mo motshegareng,

le mo bosigong sefela sa gagwe

ke tlaa bo ke na naso,

e bong morapelo o o rapelang

Modimo wa botshelo jwa me.

9Ke tlaa raya Modimo Lefika la me,

ke re: “O ntebaletseng?

Ke ka ntlha yang ke tsamaya ke

hutsafetse ka patiko ya mmaba?”

10Baba ba me ba nkgoba

jaaka ekete ke ka tšhaka,

mo marapong a me;

ka ba tlhola ba ntse ba nthaya ba re:

“Modimo wa gago o kae?”

11O inametseng wena mowa wa me?

O tlhodiegetseng mo teng ga me?

Solofela fela mo Modimong;

gonne ke tlaa nama ke tla ke o baka,

one o e leng thuso ya sefatlhogo

sa me, le Modimo wa me.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help