MIKA 6 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jehofa o kgatlhanong le Iseraele

1Utlwang jaana

se Jehofa o se buang;

“Nanoga, o ganele

fa pele ga dithaba,

mme a makhubu a utlwe

lentswe la gago.

2Utlwang, lona dithaba

kgang ya ga Jehofa,

le lona metheo ya lefatshe

e e sa onaleng;

gonne Jehofa o na le kgang

le batho ba gagwe,

mme o rata go ganetsanya

le Iseraele.

3Ao, lona batho ba me,

ke lo dirileng?

ke lo lapisitse ka eng?

Supang ka ga me.

4 Gonne ke lo ntshitse

kwa lefatsheng la Egepeto,

ka lo rekolola

mo ntlong ya botlhanka;

ka roma Moše fa pele ga lona,

le Arone, le Miriame.

5 Ao, lona batho ba me,

a ko lo gakologelwe jaana

se Balake kgosi ya Moabe

o ne a se gopotse,

le ka fa Balaame morwa Beore

o ne a mo fetola ka teng;

lo gakologelwe go tswa Shitime

go ya Gilegale,

gore lo itse ditiro tse di siameng

tsa ga Jehofa.”

Se Jehofa o se batlang

6Ke tlaa ya fa pele ga Jehofa ka eng,

ke ikoba fa pele ga Modimo

wa Bogodimo?

A ke tlaa ya fa pele ga one

ka ditshupelo tse di fisiwang,

ka dinamane

tse di ngwaga o le mongwe fela?

7A Jehofa o tlaa itumelela

dikete tsa diphelefu,

kgotsa dinoka tsa lookwane

di le dikete di le some?

A ke tlaa ntshetsa tlolo ya me

ngwana wa me yo mogolo,

loungo lwa mmele wa me

ka ga boleo jwa mowa wa me?

8O go supeditse se se molemo

motho ke wena;

gape Jehofa o lopang mo go wena,

fa e se gore o dire ka tshiamo,

le go rata boutlwelobotlhoko,

le go sepela ka boikokobetso

le Modimo wa gago?

9Lentswe la ga Jehofa

le biletsa kwa motseng,

mme motho yo o botlhale

o tlaa boifa leina la gago.

“Reetsang thupa

le ene yo o e laotseng.

10A go sa ntse go na le dikhumo

tsa tshiamololo

mo ntlong ya basiamolodi,

le selekanyo se se tlhaelang,

se se tlhoesegileng?

11A ke tlaa bo ke itshekile

ke na le selekanyo sa pego

sa tshiamololo, le kgetse ya makete

a dilekanyo tsa bokete tsa tsietso?

12Gonne bahumi ba teng

ba tletse thubakanyo,

le banni ba teng ba buile maaka,

le loleme lwa bone lo tsietso fela

mo molomong wa bone.

13Ke gone ka moo le nna

ke go iteileng

ka ntho e e botlhoko;

ke go swafaditse

ka ntlha ya maleo a gago.

14O tlaa ja,

mme ga o ketla o kgora;

mme lolea lwa gago lo tlaa nna

mo gare ga gago;

mme o tlaa huduga,

mme ga o ketla o rora sentle,

le se o se rorang

ke tlaa se neela tšhaka.

15O tlaa jala mme ga o ketla o roba;

o tlaa gata ditlhware,

mme ga o ketla o tlola lookwane;

o tlaa gata difine,

mme ga o ketla o nwa bojalwa.

16 Gonne ditao tsa ga Omeri

di a tshegediwa,

le ditiro tsotlhe

tsa ntlo ya ga Ahabe;

lo bile lo sepela

mo dikgakololong tsa bone,

gore ke tle ke go dire tshwafalo,

le banni ba gone kotso;

mme lo tlaa belega

kgobo ya batho ba me.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help