DIANE 19 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Mohumanegi yo o tsamayang mo go tlhokeng molato ga gagwe, o molemo bogolo go yo o lesoko mo dipounameng tsa gagwe, a bile a le seeleele.

2Gape, ga go molemo fa mowa o nna fela o tlhoka kitso; mme yo o fefosang dinao tsa gagwe o a leofa.

3Boeleele jwa motho bo tle bo theole tsela ya gagwe; mme pelo ya gagwe e tšararegele Jehofa.

4Khumo e tle e okeletse motho ditsala di le dintsi; mme mohumanegi a kgaoganngwe le tsala ya gagwe.

5Mosupi yo o tsietsang ga a ketla a tlhoka petso; le yo o bilolang maaka ga a ketla a falola.

6Batho ba bantsi ba tlaa rata go tlekeetsa motho yo o fang thata; le gone motho mongwe le mongwe ke tsala ya yo o abang dineo.

7Bana ba ga rraagwe mohumanegi botlhe ba a mo ila; bogolo jang ditsala tsa gagwe di mo katogela kgakala! A ba khueletsa ka mafoko, mme ba bo ba ile.

8Yo o bonang botlhale o ithata mowa; yo o bolokang tlhaloganyo o tlaa bona molemo.

9Mosupi yo o tsietsang ga a ketla a tlhoka petso, le yo o bilolang maaka o tlaa nyelela.

10Go tshela mo letlapung ga go a tshwanela seeleele; bogolo jang ga go a tshwanela motlhanka go busa dikgosana.

11Pharologanyo ya motho e mo dira gore a nne bonya go galefa; le gone ke kgalalelo ya gagwe go tlhokomologa tlolo.

12Botšarara jwa kgosi bo ntse jaaka go kgorotlha ga tau; mme botsalano jwa yone bo ntse jaaka monyo mo loremeng.

13Mosimane yo o seeleele ke tatlhego mo go rraagwe; le ditatalalo tsa mosadi wa motho ke go rotha mo go sa khutleng.

14Ntlo le dikhumo ke boswa jo bo tswang mo go borra batho; mme mosadi yo o bonokopela o tswa kwa go Jehofa.

15Bobodu bo digela motho mo thulamelong e kgolo, le gone motho yo o sa direng sepe o tlaa bolawa ke tlala.

16Yo o tshegetsang taolo o boloka mowa wa gagwe, mme yo o sa tlhokomeleng ditsela tsa gagwe o tlaa swa.

17Yo o tlhomogelang bahumanegi pelo o adima Jehofa, mme o tlaa ba a mo duelela tiro ya gagwe e e molemo.

18Otlhaya morwao ka gobo go na le tsholofelo, mme o se ka wa tlhoma pelo ya gago mo go mo senyeng.

19Motho yo o botšarara jo bogolo o tlaa rwala tefetso; gonne le fa o mo golola, o tlaa bo o na le go ba o dira jalo gape.

20Utlwa kgakololo, o tshole thuto, gore o tle o nne botlhale mo bokhutlong jwa gago.

21Go na le ditogamaano di le dintsi mo pelong ya monna; mme kgakololo ya ga Jehofa yone e tlaa ema.

22Keletso ya motho ke selekanyo sa bopelonomi jwa gagwe; mme mohumanegi o molemo bogolo go moaki.

23Go boifa Jehofa go isa botshelong, mme yo o nang nago o tlaa nna fela a kgotshe; ga a ketla a lekolwa ke bosula.

24Motho yo o bobodu o sotlhometsa letsogo la gagwe mo mogotšaneng, mme a gane le fa e le go ba a le busetsa mo ganong.

25Betsa mosotli, mme yo o sa tlhalefang o tlaa ithuta bonokopela; o kgalemele mongwe yo o nang le tlhaloganyo, mme o tlaa tlhaloganya kitso.

26Yo o thopang rraagwe ka thata, a ba a leleka mmaagwe, ke ngwana wa mosimane yo o tlhabisang ditlhong le yo o lereng kgobo.

27Khutla, morwaaka, go utlwa thuto, mme o tlaa ba o timelwa fela ke mafoko a kitso.

28Mosupi yo o seramatla o sotla ka katlholo; le molomo wa moikepi o metsa boikepo fela.

29Ditshekiso di baakanyeditswe basotli, le dithupa metlhana ya dieleele.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help