1Ke gone, sa ntlha ke laya gore, a mekokotlelo, le merapelo, le merapelelo, le malebogo, a direlwe batho botlhe.
2A a direlwe dikgosi le botlhe ba ba leng bagolo; gore re ke re tshele mo boiketlong le mo tidimalong ka poifomodimo yotlhe le ka tshisimogo.
3Golo mo go molemo, go bile go a lebosega mo matlhong a Modimo Moreboloki;
4o o ratang gore batho botlhe ba ke ba bolokwe, mme ba fitlhe mo kitsong ya boammaaruri.
5Gonne go Modimo o le mongwe fela, go bile go motsereganyi le ene a le mongwe fela fa gare ga Modimo le batho, motho ka esi,
6e bong Keresete Jesu, yo o intshitseng go nna thekololo ya botlhe; e le tshupo e e tlaa supiwang mo metlheng ya yone;
7 e ke laoletsweng go nna moreri le moaposetole wa yone, moruti wa Baditšhaba mo tumelong le mo boammaaruring – ke bua boammaaruri, ga ke ake.
8Ke gone, ke eletsa gore banna ba rapele mo felong gongwe le gongwe ba tsholeditse mabogo a a itshepileng, ka mo go se nang bogale le kgang.
9 Le gone fela jalo, gore basadi ba ikgabise ka diaparo tse di seng maphatsiphatsi, ba le bori le tekano; ba se ka ba ikgabisa ka go iphora moriri loetse, kgotsa ka gouta, kgotsa ka diperela, kgotsa ka diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo;
10mme a e nne ka ditiro tse di molemo – e le mo go tshwanetseng basadi ba ba ipalang ka poifomodimo.
11A mosadi a ithute mo tidimalong ka boineelo jotlhe.
12Ga ke leseletse mosadi go ruta, le fa e le go dira le taolo mo monneng, fa e se go nna mo tidimalong fela.
13 Gonne Atame o bopilwe pele, mme Efa kwa morago;
14 Atame ga a ka a tsiediwa, mme mosadi e rile ka a tsieditswe a wela mo tlolong;
15mme o tlaa bolokwa ka pelego, fa ba tswelela mo tumelong, le mo loratong, le mo boitshepisong ka boikgapo.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
