JOBE 38 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo o araba Jobe

1Foo Jehofa a le mo sefefong a fetola Jobe, a re:

2“E mang yo o fifatsang kgakololo

ka mafoko a a se nang kitso?

3A ko o ikokwaele lotheka jaaka

monna; gonne ke tlaa go botsa,

mme o nkakanyetse.

4E rile ke thaya metheo ya lefatshe,

wa bo o le fa kae?

Kakanya, fa o na le tlhaloganyo.

5E mang yo o tlhomileng

dilekanyo tsa lone, fa o itse? E mang

yo o ne a le namalaletsa thapo?

6Metheo ya lone e nitamisitswe

mo go eng? Kgotsa:

Yo o beileng lentswe la kgokgotsho

la lone e mang?

7Jale ka dinaledi tsa moso di opela

mmogo le bomorwa Modimo botlhe

ba thela lošalaba lwa boitumelo?

8 “Kgotsa e mang yo o tswaletseng

lewatle ka ditswalo,

jale ka le thoba,

jaaka ekete le tswa mo sebopelong;

9jale ka ke dira leru seaparo sa lone,

le lefifi le lentsho

go nna letsela la phapo mo go lone.

10Ka le beela molelwane wa me,

ka ba ka tlhoma mephakalego

le ditswalo.

11Ka le raya, ka re: ‘O ka fitlha fa,

mme o se ka wa go feta;

dintelo tsa gago tse di mabela

di tlaa kganelelwa fa?’

12“A e sa le ka malatsi a gago a

simologa a o kile wa laola moso,

wa itsise mahube felo ga one;

13gore a ye go tshwara dikhutlo

tsa lefatshe, le gore baikepi

ba udubadiwe mo go lone?

14Le tle le fetoge jaaka mmopa

fa tlase ga sekano;

mme dilo tsotlhe di kwetoge

jaaka mo seaparong.

15Mo baikeping lesedi la tsone

le tle le kganelwe,

letsogo le le tsholetsegileng le rojwe.

16“A o kile wa tsena

kwa metsweding ya lewatle,

kgotsa a o kile wa tsamaya

mo dikunyaneng tsa boteng?

17A o kile wa senolelwa dikgoro

tsa loso,

kgotsa a o kile wa bona

dikgoro tsa moriti wa loso?

18A o tlhalogantse

boatlhamo jwa lefatshe?

Kakanya fa o go itse gotlhe.

19“Tsela e kae

e e yang kwa boagong jwa lesedi,

mme ka ga lefifi felo ga lone ke kae?

20Gore o tle o le ise

kwa borakanelong jwa lone,

mme o lemoge ditselana

tse di yang kwa ntlong ya lone.

21Le gale, o tlaa bo o itse,

gonne go jale o ne o tsetswe,

palo ya malatsi a gago e kgolo!

22“A o kile wa tsena

mo mabolokelong a kapoko,

kgotsa a o kile wa bona mabolokelo

a sefako,

23tse ke di boloketseng

motlha wa phuduego

le letsatsi la dira le ntwa?

24Lesedi le kgaoganngwa ka tsela efe,

le phefo ya botlhabatsatsi

e iphalatsa mo lefatsheng

ka efe tsela?

25“E mang yo o fatoletseng morwalela

wa metsi tsela,

kgotsa a fatola tsela ya logadima

lwa maru;

26go nesa pula mo lefatsheng

le go se nang motho mo go lone;

mo nageng e go se nang motho

mo go yone;

27go kgorisa mmu wa tshwafalo

le wa kgakgabalo;

le go tlhogisa loreme gone?

28“A pula e na le rra yone,

kgotsa mang yo o tsetseng dithothi

tsa monyo?

29Dikgapetla tsa metsi

di tswa sebopelong sa ga mang

le kgogotshwane ya legodimo

e mang yo o e tsetseng?

30“Metsi a tle a bipiwe

jaaka ekete ka letlapa,

mme mo godimo ga boteng

go gatsele.

31 “A o ka bofa lesetlha la Selemela,

kgotsa o ka funolola dithapo

tsa dinaledi

tse go tweng Dikolobe.

32A o ka gogela ntle masomo a naledi

tsa Masarotha

mo metlheng ya tsone,

kgotsa a o ka tsamaisa naledi

tsa Kgogabosigo

le popelelo ya yone?

33A o itse melao ya magodimo?

A o ka tlhoma puso ya yone

mo lefatsheng?

34A o ka tsholeletsa lentswe la gago

kwa marung,

gore letlotlo la metsi

le go khurumetse?

35A o ka roma dikgadima

gore di tsamaye,

mme tsa go raya tsa re:

‘Re fano’?

36E mang yo o tsentseng botlhale

mo matennyeng, kgotsa e mang

yo o neileng pelo tlhaloganyo?

37E mang yo o ka balang maru

ka botlhale, kgotsa mang

yo o ka tshololang dinkgwana

tsa legodimo,

38fa lorole lo golokega

le makote a ngaparelana?

39A o tlaa tsomela tau e namagadi

phologolo,

kgotsa wa kgorisa ditawana,

40fa di namaletse mo dikutleng

tsa tsone,

di ntse mo setswatsweng di laletse?

41E mang yo o baakanyetsang

mohukubu dijo tsa one,

ka mamphorwana a one a lelela

Modimo, a kgarakgatshega fela

ka go tlhoka dijo?”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help