DUTERONOME 32 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1“Lona magodimo, sekegang

tsebe, mme ke tlaa bua;

a lefatshe le utlwe

mafoko a molomo wa me.

2Thuto ya me

e tlaa rotha jaaka pula,

puo ya me

e tlaa wa jaaka monyo;

jaaka pula ya medupe mo loremeng,

le jaaka pula ya maebana

mo morogong;

3gonne ke tlaa opela

leina la ga Jehofa mokgosi;

kayang Modimo wa rona bogolo.

4Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse;

gonne ditsela tsa gagwe tsotlhe

ke tshiamiso;

Modimo o o boikanngo,

o o se nang tshiamololo,

one o tekatekanyo, o tshiamo.

5Ba o ipodiseditse,

ga se bana ba gagwe,

ke setshubaba mo go bone;

ke losika lo lo logwadi, lo lo kgopo.

6A lo a bo lo duel Jehofa jalo,

batho ke lona ba dieleele?

A ga se ene rraago

yo o go rekileng?

O go dirile a ba a go tlhomamisa.

7Ikgakolole malatsi a bogologolo,

gopola dinyaga tsa dikokomana

di le dintsi;

botsa rraago, o tlaa go tlhotlhela;

bagolwane ba gago,

ba tlaa go bolelela.

8 E rile Mgodimodimo

a abela merafe boswa jwa yone,

ka a kgaoganya bana ba batho,

a tlhomela ditšhaba melelwane

ka fa palong ya bana ba Iseraele.

9Gonne kabelo ya ga Jehofa

ke batho ba gagwe;

Jakobe ke kabo e e lekantsweng

ya boswa jwa gagwe.

10O mo fitlhetse

mo lefatsheng le le sekaka,

mo nageng e e bobidibidi fela,

e e dumadumang; a mo dikanyetsa,

a mo disa, a mo direla

jaaka nyetse ya leitlho la gagwe.

11Jaaka ntswi yo motona

yo o tleng a fudue setlhaga sa gagwe

a bokabokele mo godimo

ga mamphorwana a gagwe,

ene a ba tsharololele

diphuka tsa gagwe,

a ba tsaya, a ba rwala

mo diphukeng tsa gagwe;

12Jehofa a le esi a ba goga,

go se na modimo ope wa seeng nae.

13A mo palamisa mafelong

a a godimo a lefatshe,

a ja totafalo ya naga;

a mo ntshetsa dinotshe mo lefikeng,

le lookwane mo lefikeng la legakwa.

14Madila a dikgomo le maši a dinku

a na le mafura a dikwanyana,

le diphelefu tsa losika lwa Bašane

le dipodi di na le mafura

a diphilo tsa mabele;

ka madi a loungo lwa mofine

wa nwa bojalwa.

15Mme Ješurune a nona, a raga;

o nonne, o enne, o borethe;

foo a latlha Modimo

o o mo dirileng,

a kobela tlase lefika la poloko

ya gagwe.

16Ba ne ba tlhotlheletsa lefufa la one

ka medimo ya seeng,

ba o gakatsa ka tse di makgapha.

17 Ba ne ba isetsa badimo ditlhabelo,

ba e neng e se Modimo ope,

e le medimo e ba neng ba sa e itse,

medimo e e sa tswang go tlhaga,

e borra ba lona ba ne ba sa e tshabe.

18Lefika le le go tsetseng

o le tlhokomologile,

o lebetse Modimo o o go belegeng.

19Jehofa a go bona,

a ba ferogela sebete

ka ntlha ya kgakatso

ya bomorwawe le bomorwadie.

20A re:

‘Ke tlaa ba subela sefatlhogo sa me,

ke tlaa bona gore

bokhutlo jwa bone e tlaa nna eng;

gonne ke losika lo lo lesoko,

bana ba ba se nang boikanngo.

21 Ba nkhufantse ka se e seng

Modimo;

ba nkgakaditse ka maithamako

a bone;

le nna ke tlaa ba tlhotlheletsa lefufa

ka ba e seng tšhaba;

ke tlaa ba gakatsa

ka morafe o o seeleele.

22Gonne molelo o tshubilwe

mo bogaleng jwa me,

o fisetsa kwa moleteng

o o kwa tengteng,

o laila lefatshe le totafalo ya lone,

o tshuba metheo ya dithaba.

23Ke tlaa koelela masula

mo go bone;

ke tlaa feletsa metswi ya me

mo go bone.

24Ba tlaa fediwa ke tlala,

ba tlaa rungwa ke mogote

o o tutumang,

le tshenyego e e galakang;

ke tlaa ba tsosetsa meno a dibatana,

le botlhoko jwa dilelemedi

tsa lorole.

25Kwa ntle tšhaka e tlaa thopa,

mme mo matlwaneng a a kwa teng

therego;

go tlaa senya wa lekau

le wa kgarebane,

seanyi le monna yo mmududu.

26Ke rile:

Ke tlaa ba gasamisetsa kwa kgakala,

ke khutlisa kgakologelo ya bone

mo bathong.

27Fa nkabo ke ne ke sa boife

kgakatso ya mmaba,

e tle e re kgotsa baganetsi ba bone

ba gopola ka go sele,

e se re kgotsa ba re:

Go tsholetsegile letsogo la rona,

mme selo se sotlhe fela

Jehofa ga a a se dira.’

28Gonne ke morafe

o o se nang kgakololo,

ga go na tlhaloganyo mo go bone.

29A bo ba ka bo ba ne ba le botlhale,

mme ba tlhalogantse se,

ba ka bo ne ne ba akanya

bokhutlo jwa bone!

30Ana a le mongwe fela

o ne a tlaa leleka jang

ba ba makgolo a some,

le ba le babedi

ba tshabisa ba ba makgolo a lekgolo

fa Lefika wa bone

a ka bo a se ka a ba rekisa,

le fa Jehofa a se ka a ba neelela?

31Gonne lefika la bone

ga le a nna jaaka Lefika wa rona,

le e leng bone baba ba rona

ka bosi e le baatlhodi.

32Gonne mofine wa bone

ke wa mofine wa Sotoma,

wa matlhagare a Gomora;

loungo lwa bone lwa mofine

ke loungo lo lo mogau,

le masitlha a bone ke a a galakang.

33Bojalwa jwa bone jwa mofine

ke botlhoko jwa dikgogela,

ke botlhoko jo bo bolalome

jwa dišaušawane.

34Selo se, a ga se a bewa

mo polokelong fa go nna,

se kaneletswe mo mahumong a me?

35 Pusoloso ke ya me, le tefetso,

mo lobakeng lo lonao lwa bone

lo tlaa relelang ka lone;

gonne letsatsi la thekisego ya bone

le gaufi,

le dilo tse di nang le go ba wela

di tlaa akofa.

36 Gonne Jehofa o tlaa atlhola

batho ba gagwe,

o tlaa ikwatlhaya

ka ga batlhanka ba gagwe

mogang o bonang

fa thata ya bone e ile,

mme go se na ope yo o setseng,

le fa e le yo o tswaletsweng

kgotsa yo o lesiwang

a itsamaela fela.

37O tlaa re:

‘Medimo ya bone e fa kae,

e bong lefika le ba ne ba le ikantse;

38e e jeleng mafura a ditlhabelo

tsa bone,

ya nwa bojalwa jwa mofine jwa

bone jwa tshupelo e e nowang.

A e nanoge e lo thuse,

e nne phemelo ya lona.

39Bonang jaana, fa e le Nna one,

e bong Nna,

mme go se na Modimo ope le nna;

ke a bolaya, ke bile ke a tshedisa;

ke ntshitse ntho,

ke bile ke a fodisa;

ga go na ope yo o ka gololang

mo seatleng sa me.

40Gonne ke tsholeletsa letsogo la me

legodimong, ke re,

jaaka ke tshela ka bosakhutleng,

41fa ke lootsa tšhaka ya me

e e šadiang,

fa letsogo la me le tshwara katlholo;

ke tlaa ipusolosetsa

mo babeng ba me,

ke itefetsa mo go bone

ba ba nkilang.

42Metswi ya me

ke tlaa e tagisa ka madi,

tšhaka ya me e tlaa ja nama;

ka madi a ba ba bolailweng,

le a batshwarwa,

a a tswang tlhogong

ya magosana a mmaba.’

43 Lona merafe,

itumeleng le batho ba gagwe;

gonne o tlaa lefetsa madi

a batlhanka ba gagwe,

o tlaa iposolosetsa

mo babeng ba gagwe,

mme o tlaa direla lefatshe la gagwe,

le batho ba gagwe, tefololo.”

44Moše a tla, a bua mafoko otlhe a sefela se mo ditsebeng tsa batho, ene, le Hošea morwa Nune.

45Moše a wetsa mafoko otlhe a go a bua le Baiseraele botlhe.

46A ba raya, a re: “Tlhomang dipelo tsa lona mo mafokong otlhe a molao o, a ke lo a itsiseng gompieno, go tla lo a bolelela bana ba lona go a dirafatsa.

47Gonne ga se lefela mo go lona; ka ke botshelo jwa lona, mme lo tlaa lelefatsa malatsi a lona ka sone selo se mo lefatsheng le lo kgabaganyang Joretane lo ya kwa go lone go le rua.”

48 Jehofa a bua le Moše ka lone letsatsi leo, a re:

49“Tlhatloga thaba e ya Abarime, o ye thabeng ya Nebo, e e mo lefatsheng la Moabe, e e lebaganyeng le Jeriko; mme o bone lefatshe le Kanana, le ke le nayang bana ba Iseraele go le rua.

50O swele gone mo thabeng e o e tlhatlogang, o phuthelwe kwa bathong ba gaeno; jaaka Arone mogoloo a ne a swela mo thabeng ya Hore, a phuthelwa bathong ba ga gabo.

51Gonne lo no lwa nteofela mo gare ga bana ba Iseraele fa metsing a Meriba wa Kateše, mo nageng ya Tsine; gonne lo ne lo se kwa lwa intshepisa mo gare ga bana ba Iseraele.

52Ka jalo o tlaa bona lefatshe fa pele ga gago; mme ga o ketla o ya gone mo lefatsheng le ke le nayang bana ba Iseraele.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help