ISAIA 23 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Polelelopele ka ga Ture le Sitone

1 Ponelopele ka ga Ture. Bokolelang lona dikepe tsa Tarešiše; gonne o kgakgabaditswe, go bile ga go na ntlo epe, ga go na fa go ka tsenwang teng; di go senoletswe di le kwa lefatsheng la Kitime.

2Didimalang, lona banni ba setlhake, wena yo barekisi ba ba tswang Sitone ba kgabaganya lewatle ba go etleetleditseng.

3Mme a le mo metsing a magolo mabele a peo ya Shihore, thobo ya noka ya Nile e ne e le one a o ipapalelang ka one; mme a bo a le borakanelo jwa merafe.

4Tlhajwa ke ditlhong wena Sitone, gonne lewatle, le buile, felo ga bothata ga lewatle, la re: “Ga ke a nna mo pelegong, le gone ga ke a tshola, le fa e le go otla makau, le fa e le go godisa barweetsana.”

5E tlaa re kutlwalelo e fitlha kwa Egepeto, ba utlwe botlhoko thata ka ga kutlwalelo ya Ture.

6Tlolaganyetsang kwa Tarešiše lo bokolele, lona banni ba setlhake.

7A ke one motse wa lona ne, o o ntseng wa ipela, o o saleng ka o theiwa ka metlha ya bogologolo tala, o dinao tsa one di o isitseng kwa kgakala thata, gore o tlholatlhole teng?

8E mang yo o ikaeletseng se ka ga Ture, motse wa serwalo, o barekisi ba one e leng dikgosana, o babapadi ba one e leng batlotlegi ba lefatshe?

9Jehofa wa masomosomo o se ikaeletse, go mara boikgodiso jwa kgalalelo yotlhe, gore a tsenye batlotlegi botlhe ba lefatshe lonyatso.

10Penologela lefatshe la gago jaaka Nile, wena morwadia Tarešiše; ga go tlhole go na le moitlamo tikologong ya gago.

11O otlololetse lewatle letsogo la gagwe, o reketlisitse magosi; Jehofa o laotse ka ga Kanana, gore go senngwe mafelo a lone a a thata.

12Mme o rile: “Ga o ketla o tlhola o itumela wena kgarebana yo o patikwang, morwadia Sitone; tloga o eme o tlolaganyetse kwa Kitime; le gone ga o ketla o bona boitapoloso teng.”

13Bonang, lefatshe la Bakalatea; tšhaba e, ga e tlhole e le teng; Moasiria o le laoletse gore le nne la dibatana tsa naga; ba ne ba emisa dikago tsa bone tsa phemelo, ba ribegetsa matlo a lone a dikgosi; ba le dira marope fela.

14Bokolelang lona dikepe tsa Tarešiše; gonne felo ga lona fa go thata go kgakgabaditswe.

15Go tlaa dirala mo letsatsing leo, go re, Ture o tlaa lebalwa ka dinyaga di le 70, ka fa malatsing a kgosi e le nngwe; mme morago ga bokhutlo jwa dinyaga di le 70, ka ga Ture go tlaa nna jaaka mo sefeleng sa seaka.

16Tsaya harepe, o tsamayetsamaye le motse, wena seaka, yo o ntseng o lebetswe; o koteketse sentle, o opele dipina di le dintsi, gore o tle o gakologelwe.

17Mme go tlaa dirala morago ga bokhutlo jwa dinyaga di le 70, go re, Jehofa o tlaa lekola Ture, mme mosadi yo o tlaa boela kwa go thapelweng ga gagwe ka tuelo, mme o tlaa dira boaka le magosi otlhe a lefatshe mo lefatsheng lotlhe fela.

18Mme tlhwatlhwa ya one, le go thapelwa ga one ka tuelo, go tlaa nna boitshepelo Jehofa; ga go ketla go putukelelwa le fa e le go bewa le mahumo; gonne tlhwatlhwa ya one e tlaa nna ya ba ba agileng fa pele ga Jehofa, gore ba je ba kgore, le go bona diaparo tse di nnang ka lobaka.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help