ISAIA 21 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Polelelopele e e bolelang go wa ga Babilone

1Ponelopele ka ga naga e e ka fa lewatleng. Jaaka ditsuatsue tsa kwa ntlheng ya Borwa di tsubutla di ralala, le yone ponelopele e tswa kwa nageng; kwa lefatsheng le le boitshegang.

2Ponatshegelo e e botlhoko thata ke e boleletswe; mooki o dira ka mooko, mothopi le ene o a thopa. Bolola, wena Elame; dika wena Media; ke khutlisitse phegelo yotlhe ya teng.

3Ke gone ka moo lotheka lwa me lo tletse botlhoko jo bo mahehe; metlotsedi e ntshwere, jaaka metlotsedi ya mosadi a belega; ke kudupanye, ga ke utlwe; ke tseanye, ga ke bone.

4Pelo ya me e a kaila, themego e kgolo ya marapo e ntshositse; lotlatlana lo ke lo eleditseng lo bile lo fetogile thoromo mo go nna.

5Ba baakanya lomati lwa bojelo, ba tlhoma balebedi, ba a ja, ba a nwa; tsogang lo eme, lona dikgosana, tshasang thebe.

6Gonne Morena o buile le nna jaana, a re: “Ya o tlhome molebedi; a a kakanye se o se bonang.

7Mme o tlaa re a bona setlhopha sa bapalami ba dipitse ba rulaganye ka bobedi le bobedi, setlhopha sa diesela, setlhopha sa dikamela, a a reetse ka tlhoafalo, ka kelotlhoko e kgolo.”

8Mme a goa jaaka tau, a re: “Morena, ke tlhola ke eme mo seraleng sa go tlhola mo motshegareng, ke lala ke emisitswe mo tebelong ya me masigo a ye go sa.

9 “Mme bonang, golo fa go tla setlhopha sa banna, bapalami ba dipitse ka bobedi le bobedi.” Mme a fela a re: “Babilone o ole, o ole; ditshwantsho tsotlhe tse di setilweng tsa medimo ya gagwe di robaganyeditswe fa fatshe.”

10Ao! Wena photho ya me, le mabele a sebopi sa me; se ke se utlwileng mo go Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, ke se lo kakanyeditse.

Polelelopele ka ga Etome

11Ponelopele ka ga Duma. Mongwe o ntlhaeletsa a le kwa Seire; a re: “Molebedi, ke nako efe ya bosigo? Molebedi, ke nako efe ya bosigo?”

12Molebedi a re: “Bosa bo e tla, le jone bosigo; fa lo rata go fela lo botsa, botsang; sokologang lo tle.”

Polelelopele ka ga Arabia

13Ponelopele ka ga Arabia. Lona masomo a a etang a Batetane, lo tlaa lala mo sekgweng se se mo Arabia.

14Ene yo o nyorilweng ba ne ba mo tlisetsa metsi; banni ba lefatshe la Tema ba kgatlhantsha bafaladi ka dijo.

15Gonne ba ne ba tshaba ditšhaka, ba tshaba tšhaka e e somotsweng, le bora jo bo goketsweng, le bothata jwa ntwa.

16Gonne Morena o buile le nna jaana, a re: “E tlaa re ngwaga o ise o fete, ka fa dinyageng tsa yo o thapetsweng tuelo, kgalalelo yotlhe ya Ketare e tlaa fela.

17Mme masalela a bontsi jwa bahudi ka mara, banna ba diganka ba bana ba Ketare, a tlaa nna mabotlana; gonne Jehofa Modimo wa Iseraele o go boletse.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help