1Ke tlaa opela ka ga
boutlwelobotlhoko le katlholo;
Jehofa ke wena
ke tlaa go opelelang dipako.
2Ke tlaa ipaya ka boitlhokomelo
mo tseleng e e lekanetseng;
ana o tlaa tla leng mo go nna?
Ke tlaa tsamaya mo teng ga ntlo ya
me ka pelo e e itekanetseng.
3Ga nketla ke baya sepe
se se maswe fa pele ga matlho a me;
ke ila tiro ya ba ba fapogang;
ga e ketla e nngaparela.
4Pelo e e lesoko e tlaa ntlogela;
ga nketla ke itse sepe se se bosula.
5Motho yo o pateletsang wa ga gabo
kwa ditshebong,
ene ke tlaa mo senya;
yo o matlho a a pagameng
a na le pelo ya boikgodiso,
ga nketla ke mo leseletsa.
6Matlho a me a tlaa nna mo go
ba ba ikanyegang ba lefatshe,
gore ba tle ba age le nna;
yo o tsamayang
mo tseleng e e lekanetseng,
ene o tlaa ntirela.
7Yo o dirang tsietso ga a ketla a aga
mo teng ga ntlo ya me;
yo o buang bolotsana
ga a ketla a tlhomama
fa pele ga matlho a me.
8Ka moso le moso ke tlaa nna
ke senya baikepi botlhe ba lefatshe,
go kgaola badiri botlhe ba boikepo
mo motseng wa ga Jehofa.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
