1A motho mongwe le mongwe a ineele mo go utlweng babusi ba bagolo; gonne ga go na mmuso ope fa e se o o tswang mo Modimong; mme babusi ba ba leng teng, ba beilwe ke Modimo.
2Ke gone, yo o ganang mmuso, o gana molao wa Modimo; mme ba ba ganang ba tlaa iponela tshekiso.
3Gonne balaodi ga ba na go boifiwa ke yo o mo tirong e e molemo, fa e se ke yo o mo go e e bosula fela. Mme a o rata wa bo o se na poifo ya mmuso? Dira se se molemo, mme o tlaa bakwa ka ga sone;
4gonne mmuso ke modiredi wa Modimo mo go wena, gore o tle o bone molemo. Mme fa o dira se se bosula, o boife, gonne ga a a tsholela tšhaka lefela; gonne ke modiredi wa Modimo le mmusolosi mo go yo o dirang bosula, go mmontsha bogale.
5Ke gone lo nang le go ineela, e seng ka ntlha ya bogale bo le josi, mme e le ka ntlha ya segakolodi le sone.
6 Gonne le lekgetho lo a tle lo le ntshe, ka ntlha ya gone moo; gonne ke badiredi ba tirelo ya Modimo, ba ba ntseng ba emetse sone selo se.
7Nayang botlhe tshwanelo ya bone; lekgetho le newe ba ba tshwanetseng lekgetho; le sehuba ba ba tshwanetseng sehuba; le poifo ba ba tshwanetseng go boifiwa le tlotlo ba ba tshwanetseng go tlotlwa.
Go direlana ka bomolemo8Lo se ka lwa nna molato le ope, fa e se go ratana fela; gonne yo o ratang wa ga gabo o dirafaditse molao.
9 Gonne le le reng: “O se ka wa dira boaka; o se ka wa bolaya; o se ka wa utswa; o se ka wa iphetlha,” le fa go ka bo go le molao mongwe o sele, go sobokantswe mo lefokong le, la go re: “Rata wa gaeno jaaka o ithata.”
10Lorato ga lo direle oo rra motho bosula; mme ke gone lorato ke tirafatso ya molao.
11Ke bua jaana ka lo itse motlha, fa jaana e setse e le lobaka lwa lona lwa go tsoga mo borokong; gonne gompieno poloko e re atametse bogolo go jale ka re simolola go dumela.
12Bosigo bo setse bo fetile, mme bosa bo atametse; ke gone, a re latlheng ditiro tsa lefifi, mme re apareng moitshomelo wa phemelo wa lesedi.
13A re sepeleng ka tshiamo, jaaka mo motshegareng; e seng mo tlhapelong, le mo go tagweng, e seng mo boakeng le mo bofaweng, e seng mo kgannyeng le mo lefufeng.
14Lo apare Morena Jesu Keresete, mme lo se ka lwa etleetsa nama, go dirafatsa dithato tsa yone.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.