PESALEMA 17 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya go dibelwa mo go ba ba gatelelangMorapelo wa ga Dafite.

1Utlwa e e leng tshiamo Jehofa,

o tlhokomele go goa ga me;

tsebe o e beele morapelo wa me

o o sa tsweng mo dipounameng

tse di ipatang.

2Go atlholwa ga me a go tswe

mo go wena;

matlho a gago a lebe ka tekatekanyo.

3O hukuditse pelo ya me;

o ntekotse bosigo;

o ntekile, mme ga o a fitlhela sepe;

ke ikaeletse go re molomo wa me

ga o ketla o tlola.

4Ka ga ditiro tsa batho,

ke ithibile mo ditseleng

tsa bathubaki

ka lefoko la dipounama tsa gago.

5Dikgato tsa me di tshwere

ditselana tsa gago ka thata,

dinao tsa me ga di a relela.

6Ke bileditse koo go wena,

gonne o tlaa nkaraba Modimo;

sekegela tsebe ya gago kwa go nna,

o utlwe puo ya me.

7Supa bopelonomi jwa gago jwa

lorato jo bo tseanyang

wena yo o dibelang

ba ba go ikanyang,

o ba dibele ka letsogo la gago

le legolo

mo go ba ba ba tsogologelang.

8Mpoloka jaaka thaka ya leitlho,

o mphitlhe mo moriting

wa diphuka tsa gago.

9O ntshubele baikepi ba ba

nthopang, baba ba me

ba ba bolayang ba ba ntikileng.

10Ba apesitswe ke mahura a bone;

ba bua ka boikgogomoso

ka melomo ya bone.

11Ba re dikile jaanong

mo dikgatong tsa rona;

ba tlhoma matlho a bone

gore ba re digele fa fatshe.

12O ntse jaaka tau e e bogagaru

mo go se e se bolaileng,

le jaaka ekete ledumedi le le lalelang

mo mafelong a boiphitlho.

13Tloga o eme Jehofa,

o mo kgatlhantshe, o mo dige;

golola mowa wa me mo baikeping

ka tšhaka ya gago;

14mo banneng, ka seatla sa gago,

Jehofa, mo banneng ba lefatshe

ba kabelo ya bone e leng

mo botshelong jono,

le ba o ba kgorisang mpa

ka khumo ya gago;

ba itumedisiwa ke go tshola bana,

mme letlotlo le le setseng

ba le tlogelele banyana ba bone

ba bannye.

15Ka ga me, ke tlaa leba sefatlhogo

sa gago mo tshiamong;

ke tlaa itumedisiwa ke tshwano

ya gago mogang ke tsogang.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help