1Monna a itse Efa mosadi wa gagwe; a nna moimana a bona Kaine, a re: “Ke bonye monna ka thuso ya ga Jehofa.”
2Gape a bona Abele, monnawe. Abele e ne e le modisa wa dinku, Kaine e le molemi.
3E rile motlha mongwe Kaine a tlisa ga loungo lwa mmu, a direla Jehofa tshupelo.
4 Abele, le ene a tlisa ga maitibolo a letsomane la gagwe, a na le mahura a lone. Mme Jehofa a itumelela Abele le tshupelo ya gagwe;
5a se ka a itumelela Kaine le tshupelo ya gagwe. Jalo Kaine a nna bogale thata, le sefatlhogo sa gagwe sa befa.
6Jehofa a raya Kaine a re: “Ana o galefetseng? Le sefatlhogo sa gago se befetseng?
7A ga ke re fa o dira sentle o tlaa amogelesega? Mme fa o sa dire sentle, boleo bo ipobile fa mojakong; mme keletso ya jone e tlaa nna mo go wena, mme wena o bo laole.”
8 Kaine a bua le Abele, monnawe. Mme ga dirala ya re ba le kwa nageng, Kaine a kgomogela Abele monnawe, a mmolaya.
9Jehofa a raya Kaine a re: “Abele monnao, o kae?”
A araba a re: “Ga ke itse. A ke modisa wa ga nnake?”
10 Jehofa a re: “Ana o dirile eng? Lentswe la madi a ga monnao le mpitsa le tswa mo mmung.
11Jaanong o hutsitswe ke mmu, o o atlhamolotseng molomo wa one, go tsenya madi a ga monnao, a tswa seatleng sa gago.
12E tlaa re o lema mmu, ga o ketla o tlhola o go ntshetsa thata ya one; o tlaa nna mofaladi le mokgarakgatshegi mo lefatsheng.”
13Kaine a raya Jehofa a re: “Petso ya me e feta mo nka go itshokelang.
14Bona, gompieno o ntelekile mo lefatsheng, le sefatlhogo sa gago ke tlaa bo ke se fitlhegetse. Ke tlaa nna mofaladi le mokgarakgatshegi mo lefatsheng, mme go tlaa dirala gore mongwe fela yo o mponang a mpolaye.”
15Jehofa a mo raya a re: “Ke gone le fa e le mongwe fela yo o tlaa bolayang Kaine, o tlaa busolosiwa gasupa.” Mme Jehofa a tlhomela Kaine sekao, e se re gongwe mongwe a mmona a mmolaya.
16Kaine a tswa fa pele ga Jehofa, a aga mo lefatsheng la Note, go pota Etene ka fa botlhabatsatsi.
Losika lwa ga Kaine17Kaine a itse mosadi wa gagwe, a nna moimana, a bona Enoke. A aga motse, a reelela motse leina la ga morwawe, a re ga Enoke.
18Enoke a tshola Irate; Irate a tshola Mehujaele; Mehujaele a tsala Methušaele; Methušaele a tsala Lameke.
19Lameke a tsaya basadi ba le babedi: leina la mongwe go twe, Ata, le leina la yo mongwe go twe, Sila.
20Ata a bona Jabale; ene e ne e le rraabone ba ba nnang mo ditenteng, ba na le dikgomo.
21Leina la ga monnawe go ne go twe Jubale, ene e ne e le rra botlhe ba ba letsang harepe le lotlhaka.
22Sila, le ene a bona Tubalekaine, e le mothudi wa ditshipi tse di segang, tsa kgotlho le tsa tshipi. Kgaitsadia Tubalekaine e ne e le Naama.
23Lameke a raya basadi ba gagwe a re:
“Ata le Sila,
utlwang lentswe la me:
Lona basadi ba ga Lameke,
lo reetse puo ya me,
gonne ke bolaile monna
ka a ne a ntlhabile,
le lekau
ka le ne le nkgolafaditse.
24 E ka re fa Kaine
a tlaa busolosediwa gasupa,
ruri Lameke ene
o tlaa busolosediwa gamasome a
supa le metso e supa.”
Losika lwa ga Sethe le Enoše25Atame a itse mosadi wa gagwe gape; mme a bona ngwana wa mosimane, a mo naya leina a re, Sethe. Mosadi a bua a re: “Modimo o ntaoletse losika lo longwe mo boemong jwa ga Abele; gonne Kaine o ne a mmolaile.”
26Sethe le ene a bona ngwana wa mosimane; a mo raya leina, a re, Enoše. Mo lobakeng loo batho ba simolola go bitsa leina la ga Jehofa.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.